Lontone e ipelela thobo
02 Dec 2015
Baphuthegi ba kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) e e itsegeng ka leina la Lontone go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe ba ne ba tshologetse kwa Kang ka letsatsi la Matlhatso go tla go ipelela letsatsi la thobo le go abelana.
Molalediwa wa tlotla wa kereke ya Lutheran Church ko Lokgwabe e e itsegeng ka Lutere, Rre Paul Cooper fa ema kokoano ka lefoko o ne a re ga ba tshwanela go ntsha dikabelo ka mokgwa wa go gaisa mongwe kana go galelediwa.
O ne a ba gakolola gore ba ntshe ka lerato le boteng jwa pelo ya bone yotlhe. Fa a tswelela a ba ema ka lefoko, a re fa ba ntsha ba seka ba kgatlha motho mme ba kgatlhe Modimo.
Fa a ntsha la gagwe moreri wa letsatsi, Rev. Gabriel Tsuaneng wa phuthego ya Lontone ko Ramotswa a re thobo e tshwana le pepetletso e na le tsamaiso.
A re fa motho a tla thobong o tshwanetse a baakanyetsa motlha wa go jwala, ka jalo o tshwanetse a bo a na le boikarabelo le tumelo ya gore letsatsi lengwe go tlaa tlhoga.
Moruti Tsuaneng a re fa o jwala lerato o bo o na le tumelo ya gore letsatsi lengwe lerato leo le tlaa ntsha maduo a a molemo. Ka jalo a re peo e e tlaa tswang mo pelong e tlaa tlhoga masego, kutlwelobotlhoko, bolemo le tsotlhe tse batho ba ka di eletsang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Michael Matebele
Location : Kang
Event : Ipelelo thobo
Date : 02 Dec 2015






