Breaking News

Ntimbale Challenge e ya Masingwaneng

02 Dec 2015

E tlaa re ngwaga o o tlang kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le borataro, ditsela tsotlhe di lebe kwa Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba jaaka go tlaa bo go tshwerwe moletlo wa Ntimbale Challenge.

 Moletlo oo wa Ntimbale Challenge, o o tlaa bong o kopantse ditiragalo tsa bojanala le tsa ngwao o tlaa tshwarelwa kwa lefelong le le mo tikologong ya letamo la Ntimbale.

Monni mongwe wa Masingwaneng, Rre Oteng Mokowe o ne a nna le tebelopele ka jalo a tswa ka mogopolo mabapi le moletlo oo wa Ntimbale Challenge mme o ne a o rekisetsa banni ba motse wa gagwe le mengwe e e mabapi ya Gulubane, Mambo, Sechele, Makaleng, Matenge, Botalaote le Toteng.

Banni ba metse eo ba ne ba atla mogopolo oo fela thata mme ba itlama go pataganela dithulaganyo tsotlhe tsa moletlo, ka jalo metse eo e tlaa nna le sebaka sa go akola lemmenyana le le tla kgobokanngwang mo moletlong oo.

Fa a simolodisa semmuso moletlo wa Ntimbale Challenge kgwedi ya Ngwanatsele e le masome a mabedi le boferabobedi, mogolwane go tswa kwa lephateng la tikologo, diphologolo le bojanala, Rre Boat Modukanele e le mogokaganyi wa tlhokomelo ya matlotlo a di tsa tlholego mo metseng, o ne a re go lebega Batswana ba setse ba lemoga fa go tlhokafala gore ba dirise ditsatlholego go tlhabolola matshelo a bone.

 A re go a itumedisa go bona Ntimbale Challenge e simolodisiwa ke beng gae e bile ba supa fa ba le moono mongwe mo go se ba batlang go se dira, go se motse ope o o batlang go ikemela ka nosi, a re seo se supa fa ba na le maikaelelo a go ya golo gongwe ka mogopolo oo.

A re Rre Mokowe o dirile namane e tona ya tiro ya go lere mogopolo oo, a re go a itumedisa gore e re bana mo metseng ba sena go tsaya malebela a dilo dingwe, ba dire bojotlhe go di gogela kwa ba tlholegang teng.

Rre Modukanele o ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya gore letamo lengwe le lengwe le le agiwang le dirisediwe mo ditirong tse di ka thusang go tsosolosa matshelo a batho jaaka bojanala, temo ya nosetso le tse dingwe.

O tsweletse a re go simolodisiwa ga Ntimbale Challenge go tlaa solegela molemo banni ba kgaolo ka jaana ba tlaa nna le sebaka sa go inaakanya le dikgwebo di tshwana go rekisa dijo le tsa go fa baeng boroko, ka jalo o ne a rotloetsa banni ba metse eo go tshwara ka thata go netefatsa gore moletlo o gola ngwaga le ngwaga.

Rre Modukanele o ne a rotloetsa thata tshomarelo ya ditsatlholego, a re di tshwanetse tsa sirelediwa le go dirisiwa ka fa tshwanelong, a re Batswana ba tshwanetse ba itse fa ditsatlholego tse di mo tikologong ya bone ba ka dira dipoelo dingwe ka tsone.  

E re ka jaana letamo la Ntimbale le reeletswe ka dithaba tse di mo lefelong leo, Rre Mokowe o ne tlhalosa fa a ne a lemoga fa tikologo ya Ntimbale e kgatlhisa, ka jalo e le mo maemong a a siameng go ka oka bajanala mme a felela a dule ka mogopolo wa Ntimbale Challenge gore tikologo eo e nowe moro.

A re o ne a lebeletse gore moletlo oo, o tlaa fokoletsa banni ba kgaolo bogolo jang banana manokonoko a letlhoko la ditiro le gone go fokotsa botlhoki tota, ka jaana ba tlaa inaakanya le ditiro dingwe tse ba ka itshedisang ka tsone. Bokhutlo 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masingwaneng

Event : Potsolotso

Date : 02 Dec 2015