Lekoko le tsweletse ka go tsaya megopolo
01 Dec 2015
Leloko la lekoko le le tsayang megopolo mo bathong go aga tebelopele ya setshaba ya 2036, Rre Eagilwe Segosebe, a re batsweletse ka rerisa Batswana mabapi le go aga tebelopele e ntsha.
Rre Segosebe a re megopolo e e tswang mo Batswaneng e tshwanetse go bo e itebagantse thata le dintlha tse setshaba se eletsang gore di bo di fitlheletswe ka 2036.
Rre Segosebe a re go tlhoka gore setshaba se tswe ka megopolo ya gore ba eletsa Botswana yo o ntseng jang ka ngwaga wa 2036 le gore Motswana ene a bo a lebega e le motho yo o ntseng jang ka tebego le seemo, a tlatsa ka gore megopolo e e ntshiwe go ntse go akanngwa gore go baakanyediwa ba e leng bana mo nakong eno le ba ba tlaa tsholwang.
Mongwe wa banni ba Phitshane Molopo, Mme Johannah Lenkokile o ne a re ba eletsa gore ka ngwaga wa 2036 mongwe le mongwe a bo a itekanetse, a re mananeo a a tshwanang bo Ipelegeng le a go phepafatsa tikologo a fetoge e nne ditiro tsa sennela ruri.
O ne a kopa gape gore dingwaga tse bagodi ba simololang go fiwa madi a itshetso ka tsone di fokodiwe go tswa kwa go masome a marataro le le botlhano go nna dingwaga tse di masome a marataro fela.
Mme Lenkokile a re mananeo a puso a itshetso ka ngwaga wa 2036, a fetolwe ka fa a tsamaisiwang ka teng gore botlhe ba kgone go a akola.
A re seemo sa thuto se ngomola pelo mo nakong eno ka jaana bana ba fetisediwa kwa mephatong e mengwe ba sa pasa, a re mme selo se se dira gore bana ba palelwe le ke gone go ipatlela tiro, a re fa ngwana a sa kgona a boelele mophato wa thuto go fitlhelela a fenya ditlhatlhobo.
Mme Nankie Modise ene o ne a re fa a lebeletse seemo sa nako eno ke kgwetlho, bogolo jang ka ga ba na metsi mo motseng wa bone a re ba eletsa go bona ba dule mo lenyoreng.
Mme Modise a re gape ga ba na motlakase a re ba dirisa dikerese tse a reng di tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka jalo keletso ya bone ke go bona ba na le motlakase mo motseng wa bone ka ngwaga wa 2036.
A re ba latela ditlamelo tsa botsogo kgakala se a reng se dira gore ba seka ba itekanela, a re ba eletsa go tlisediwa ditlamelo tsa botsogo gaufi le kwa batho ba teng.
A re go okediwe dikole gore di nne gaufi le bana ba seka ba tsamaya mosepele o moleele, a re ba kopa go agelwa mmolo mo Phitshane - Molopo, le ditlamelo tse dingwe tsa puso gore ba seka ba tsamaya mosepele o mo leele ba di latela.
O tsweletse a re ba eletsa gore bana ba bone ba rutege ba bereke ba fetole matshelo a batsadi ba bone le bone.
Kgosi Pekene Sekwenyane wa Phitshane Molopo a re o eletsa gore ka ngwaga wa 2036 dikgosana tsa tetlanyo di bo di duelwa, a re ba tshwanetse go nna le sesupo sa dituelo tsa bone [payslip] jaaka mmereki mongwe le mongwe wa puso.
Kgosi a re selo se se dirwa ke gore ba jela madi mo ganong ka ba amogela ka seatla,gape ga ba na gone kwa ba beelwang madi a bagodi teng [pension] morago ga go tlogela tiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Phitshane Molopo
Event : Potsolotso
Date : 01 Dec 2015






