Breaking News

Tepelopele ya setshaba e botlhokwa

30 Nov 2015

Kgosi Puso wa Batlokwa O gakolotse morafe go tsaya tiro e lekoko le le romilweng ke Tautona ka tlhwaafalo ka gore megopolo yotlhe e tlaa thusa go aga Botswana e bile e tlaa nna peeletso ya kokomane e e tlang ka jalo go le botlhokwa gore morafe o ntshe megopolo le dikgakololo tse di tlaa agang Botswana go na le thitibalo le tswelelopele.

O tlhalositse fa erile ka ngwaga wa 1996 lefatshe leno le ne la itshegela tema gore le eletsa go nna tshaba e e ntseng jang mme dingwaga tse di masome a mabedi tseo di wela ngwaga o o tlang.

Kgosi Puso o boletse bosheng jaaka a ne a amogela lekoko le le rumilweng ke Tautona go tsaya megopolo le maikutlo mo Batswaneng kwa kgotleng ya fa le ne le ile go tsaya megopolo e e ka thusang mo go segiweng ga tema ya tebelopele ya 2036.

Kgosi Puso a re go botlhokwa go akanya gore Botswana a gatele pele go dirwe eng le go feta fa Botswana a setseng a le teng mo nakong ya gompieono.

O gakolotse morafe go tsaya tiro e lekoko leo le e dirang ka tlhwaafalo ka gore megopolo yotlhe e tlaa thusa go aga Botswana e bile e tlaa nna peeletso ya kokomane e e tlang ka jalo go le botlhokwa gore morafe o ntshe megopolo le dikgakololo tse di tlaa agang Botswana go na le thitibalo le tswelelopele.

Fa a tlhalosetsa morafe ka se ba se tletseng, Dr Alfred Tsheboeng o tlhalositse fa thomo e ba e romilweng kwa Batswaneng e le go tsaya maikutlo le megopolo mo go bone go lebilwe gore ngwaga o o tlang go digelwa tebelopele ya 2016, a re go segilwe tema e e tlaa welang ka 2036.

Dr Tsheboeng a re kgang kgolo ke gore Botswana ba buwe gore ba eletsa gore ba bo ba le fa kae, go fitlheletswe eng go lebilwe ditlhabololo, matlotlo a ngwao ya Botswana, botsogo le tse dingwe tse di amang matshelo a batho.

O tlhalositse fa ba tlaa dirisa ditsela tse di farologaneng go tsaya megopolo mo setshabeng jaaka ba simolola kwa dikgotleng morago ga seo ba kopane le mekgatlho, dikomiti jaaka tsa ditlhabololo tsa metse, tsa semowa mme labofelo ditlhophana di letlelelwe go ntsha megopolo ka mokwalo go buwa gore ba eletsa gore 2036 Botswana a bo a ntse jang.

Dr Tsheboeng o boletse fa diromamowa le tsone di tlaa dirisiwa go tsaya megopolo, a tlatsa ka gore megopolo eo e tlaa agelwa mo go tsa tebelopele ya 2016 go lebeletswe tse di fitlheletsweng le tse di sa fitlhelelwang mme morago go kwalwe bukana ya tebelopele ya 2036.

O tlhalositse fa ba kgaogantse go tsaya megopolo ka dikarolo tse tharo ya ntlha e le gore setshaba se eletsa gore go bo go agilwe Botswana yo o ntseng jang go lebilwe matshelo a batho, tikologo e e ntseng jang, itsholelo e ntse jang, gammogo le tsa semowa, a tlatsa ka gore karolo e nngwe ke gore batho ba ntshe megopolo gore ka nako eo Motswana e bo e le motho yo o ntseng jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : Tlokweng

Event : Bokopano

Date : 30 Nov 2015