Breaking News

Ba rotloediwa go dira ka natla

30 Nov 2015

Tona wa ditsha le matlo Rre Prince Maele o rotloeditse badiri ba lephata la gagwe go dira ka natla mo tirong.

Erile a bua mo bokopanong le badiri ba lekgotla la kabo ditsha la Kgatleng mo Mochudi, tona Maele o ne a bolela ka maduo a a sa itumediseng a lephata la gagwe a tlhalosa fa  lephata  le sa  ntshe maduo a a nametsang mme o ne a kopa badiri go dira ka natla go ntsha maduo.

O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka tshenyetso setshaba e a kaileng fa a itse sentle gore mo lephateng la gagwe e teng segolo thata mo lekalaneng la kabo ditsha.

A re ga a na go letlelela tshenyetso setshaba mo lephateng la gagwe a tlatsa ka gore   fa e sale a nna tona wa ditsha le matlo  go setse go kobilwe badiri ba le bantsi ka ba ne ba sa dire tiro sentle mme o ne a kopa badiri ba Kgatleng go fedisa tshenyetso setshaba.

Tona Maele o ne a gatelela gore ga a na go tlhomoga pelo mo badiring ba ba inaakantseng le tshenyetso setshaba a supa fa a tlaa tswelela a bua ka yone go fitlhela seemo se tokafala.

O ne gape a rotloetsa bodiredi go bereka le dikgosi, makhanselara le bagolwane ba morafe a tlhalosa fa lekgotla la kabo ditsha le ka tsamaisiwa sentle fa bodiredi bo bereka le bone ka ke bone bogogi jwa motse.A re o lemogile gore bontsi jwa nako kabo ditsha ga e dirwe ka tlhomamo ka ntlha ya gore bodiredi ga bo dirisane le boetelediple jwa motse mme o ne a kopa ba Kgatleng go dirisana le go nna ba rerisa bagolwane ba motse.

Mo go tse dingwe tona Maele o ne a supa fa a dumalane le tona wa banana gore fa ba abela banana ditsha ba ba filweng madi ke lephata leo ba kwadise ditsha tseo ka lephata la banana.

A re o tsere tshwetso eo morago ga go lemoga gore banana ba rekisa lefatshe ka dipalo tse di ko godimo.

O ne a gatelela kgang ya go rekisetsa batswaka ditsha a supa fa seo se sa siama a re ka molao motho o tshwanetse go rekisetsa motswakwa morago ga go lemoga gore ga go na Motswana yo o supileng kgatlhego mme o ne a kopa bodiredi go ruta setshaba ka molao oo.

Kwa bofelong o ne a supa fa a tsile ka molao wa gore diofisi tsa gagwe tsotlhe tsa kabo ditsha di thuse setshaba le ka nako ya dijo tsa motshegare a supa fa  setshaba se amogetse kgang eo ebile ba  itumeletse tshwetso eo fela thata.

Fa ba mo  kgwa kgaba badiri ba ne ba leboga tona go bo a bone go tshwanela gore a ba lekole ba supa fa ba  tlaa leka go ntsha maduo mo tirong le gone go thusa setshaba ka manontlhotlho.

Mme Stella Ntwayagae o ne a kopa tona gore le bone ba sidilwe maikutlo a tlhalosa fa setshaba dinako tse dingwe se sa ba buise sentle mme ba tlhokana le tshidilo maikutlo.

Fa a tswa la gagwe mopalamente wa Mochudi botlhaba Isaac Davids o ne a leboga tona go tla go lekola bodiredi jwa lephata la gagwe a supa fa seo e le tirisano mmogo mme a mo rotloetsa go tswelela a dira jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Bokopano

Date : 30 Nov 2015