Go tshela le bogole ga se bokhutlo
30 Nov 2015
Rre Pinda Kgame go tswa lephateng la ba-na-le bogole mo ofising ya ga Tautona o rotloeditse ba-na-le bogole go akola mananeo a puso go itlhamela ditiro le go itshetsa.
O buile se ka letsatsi la bo-na-le bogole bosheng kwa Kanye.letsatsi le le faphegeleng le le ne le ipelelwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng, go akaretsa ba-na-le bogole mo ditirelong tsotlhe tsa setshaba.
Fa a fa dikai go rurufatsa setlhogo sa letsatsi leo, Rre Kgame a re ba-na-le bogole ba tshwanetse go akola ditirelo tsa setshaba fela jaaka Motswana mongwe le mongwe.
A re fa go dirwa mananeo a puso kana go agiwa dikago tsa setshaba go tshwanetswe go lebelelwe dilo tseo gore ba-na-le bogole le bone ba akole ditlamelo ka botlalo.
A re go tshwanetse go agiwa dikago go itsiwe fa go na le batho ba ba dirisang dikolotsana tsa maoto, go tshwanetse go dirwa mananeo go itsiwe fa go na le batlhoka pono.
O tlhalosa fa puso e thusa ba-na-le bogole, a re bangwe ba setse ba simolotse go amogela madi a ba-na-le bogole a kgwedi le kgwedi.A re ba ba iseng ba a tsee, ditshekatsheko di santse ditsweletse mme morago ga ditshekatsheko fa di sena go senola fa ba na le dikgwetlho tsa go itirela ba tla ba amogela madi ao go simolola ka kgwedi ya Moranang.
Rre Kgame o tlhalositse fa puso e phutholotse letsogo go thusa Batswana go inamola lehuma, a tlatsa fa ba-na-le bogole bone ba akola mananeo ao. Ends
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : Kanye
Event : Ipelelo tsatsi la bo-na-le bogole
Date : 30 Nov 2015






