Kotsi e gapile matshelo a ba le batlhano
30 Nov 2015
Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go tlhokafetseng batho ba le batlhano mo kotsing ya tsela mo tseleng ya Gaborone - Francistown, go tswa mo Mahalapye.
Mogolwane wa mapodise a pharakano kwa Mahalapye, Assistant Superintendent Kgosi Sechoni, o boletse fa kotsi eo e diragetse ka nako ya metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya botlhano mo mosong wa Matlhatso.
Assistant Superintendent Sechoni o boletse mo potsolotsong gore go tlhokafetse banna bale bararo le basadi ba le babedi go balelwa le bakgweetsi ba dikoloi tseo ka bobedi.
A re kotsi eo e diragetse fa koloi ya modiro wa Toyota Hilux e thulana le koloi ya modiro wa Toyota Fortuner kwa Lose Siding.
A re mo bathong ba le bane ba ba neng bale mo koloing ya Fortuner, go tlhokafetse ba le bararo fa mo go ya Hilux go tlhokafetse ba le babedi ba botlhe e leng banna ba dingwaga tse di fa gare.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 30 Nov 2015






