Breaking News

Dingaka di gakololwa go sireletsa tiro ya tsone

30 Nov 2015

Babereki ba lephata la madi le ditogamaano tsa ditlhabololo ba agetse mmereki wa lephata leo wa pele, Rre Edward Boitshepo ntlo ya P120 000.Ntlo eo ya dikamore tsa borobalo di le pedi, e goketswe motlakase le metsi mme e agilwe ke badiri ba lephata leo ka koporase ya babereki ba lephata leo e e bidiwang Matlotlo.

Rre Boitshepo wa dingwaga tse di masome a mane le bone ke monni wa Mahalapye mme e rile ka ngwaga wa 2004 a tlogela tiro ntateng ya bolwetse mme a feletsa a sa kgone go itirela sepe ka a tsamaya ka kolotsana.

E rile a bua kwa moletlong wa go rolela Rre Boitshepo ntlo eo, mokwaledi mo lephateng leo, Rre Cornelius Dekop, a re badiri ba lephata la madi le ditogamaano tsa ditlhabololo le bone ba ne ba batla go fa mmereki ka bone seriti.

E rile a bua mo boemong jwa baberiki, motshwara madi wa Matlotlo, Rre Setlhaofi Motshegwa a tlhalosa fa koporase ya bone e na le dingwaga tse di lesome e ntse ba e tlhamile.Rre Motshegwa a re ba ne ba ikopanya mme ba tswa ka mogopolo wa go agela Rre Boitshepo ntlo ka e kile ya bo e le mongwe wa bone mme ba itshwaraganya le lephata la bone go bona gore ba ka thusana jang.

A re ba ne ba ikopanya jalo ba bo ba kopana le khansele ya Mahalapye mme ba bona gore ba ka thusa jang go agela Rre Boitshepo ntlo e e mo seemong se se mo letlang go ka e dirisa e le mo-na-le bogole, a tlatsa ka gore ba ne ba thusa ka ditshwantsho tsa kago (plan).

O ne a tlhalosa gape gore ba ne ba thusana le ba ofisi ya madi ya Mahalapye, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse le maloko a gagwe, le ba benkele ya Builders World go bona gore se ba se batlang se a diragala.E rile a tswa la gagwe Rre Boitshepo a mo felela a le tlhaeng a supa fa a sena ape mafoko mme e le malebo fela gore ba lephata le a kileng a le berekela ba mo gopotse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Moletlo

Date : 30 Nov 2015