Breaking News

Maiteko a go fokotsa kanamo ya HIV a tsweletse

30 Nov 2015

Botswana o lebanwe ke namane e tona ya go lwantsha le go nyeletsa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. 

E rile ka ngwaga wa 2011 lefatshe leno la tla ka maitlamo a gore ka ngwaga wa 2016 go bo go sena batho ba basha ba ba tsenwang ke mogare, go bo go sena kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka mogare ebile go bo go sena dintsho tse di bakiwang ke bolwetse jwa AIDS.

Le fa gontse jalo, go ya ka mogokaganyi wa lekgotla la NACA, Mme Grace Muzila, maitlamo a, a a tlang bokhutlong ngwaga o o wela, ga a na go fitlhelelwa jaaka go ne go solofetswe ka go santse go na le bangwe ba ba sa diragatseng dithuto tse di gasiwang ka go thibela go tsenwa ke mogare wa HIV. 

A re go a tshwenya gore mo nakong ya gompieno go bo go santse go kwadisiwa megare e mesha, dikgang tsa kgokgontsho le dintsho tse di bakiwang ke bolwetse jwa AIDS.

Mme Muzila o buile se kwa segopotsong sa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kwa Tloaneng. 

Le fa  seemo se se tshwenya, Mme  Muzila o tlhalositse fa dipalo di supa fa lefatshe leno le gatetse pele mo ntweng kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. 

A re mo bathong ba basha ba ba tsenwang ke mogare wa HIV, go nnile le kwelotlase go tswa kwa go 15 000 ka ngwaga wa 2008 go ya kwa go 10 000 ka ngwaga wa 2013.

Mo go tsa kgethololo, Mme Muzila o supile fa go le botoka.

A re se se tshwenyang jaanong ke gore dipatlisiso tsa bone di supa fa ba ba tshelang ka mogare e le bone ba ikgethololang.

Mme Muzila o supile fa ka ngwaga wa 2001 go tlhokafetse batho ba le 21 000 fa ka ngwaga wa 2012 go tlhokafetse batho ba le 5 800.

Mme Layani Mandiwana-Molemane yo o itebagantseng le kanamiso ya diritibatsi mo kgaolong ya Mogoditshane, o supile matshwenyego a gore go santse go na le bangwe ba ba tlhabiwang ke ditlhong go nwa dipilisi tsa diritibatsi. 

A re gantsi batho ba e a re ba sena go di tsaya mo dikokelong, ba di tlogele mo matlong a boitiketso go na le go tsamaya ka tsone kwa malwapeng. 

A re se se a tshwenya ka se busetsa maiteko a puso kwa morago.

Mongwe wa batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV mme a ikamogetse e bile a tsere tshwetso ya go tswela mo pontsheng, Mme Onalenna Mpebe, o kgothaditse ba ba ba tshelang ka mogare gore ba ikamogele. 

A re go fitlhelwa ka mogare ga se bokhutlo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nolithando Phumusa

Location : Tloaneng

Event : Segopotso

Date : 30 Nov 2015