Komiti e bolotsa letsholo kgatlhanong le go swa mhama
29 Nov 2015
Mookamela dikokelwana tsa kgaolo ya Serowe (Serowe District Health Management Team), Mme Virginiah Majama, o gakolotse batsadi go tsaya botsogo jwa bana ba bone ka tlhwaafalo ka dinako tsotlhe gore ba ba babalele mo malwetseng.
O buile jalo kwa moletlong wa tshimolodiso semmuso letsholo la go simolodisa mokento wa thibelo bolwetse jwa go swa mohama o o neng o rulagantswe ke setlhopha sa botsogo kwa Sehunou bosheng.
Mme Majama a re morago ga gore lekgotla la botsogo la mafatshefatshe le bone go tshwanela gore kalafi ya bolwetse jwa go swa mohama e okediwe, maikaelelo magolo e le go bo nyeletsa gotlhelele, ke ka moo ba ileng ba isa mokento kwa bathong.
O tlhalositse fa Botswana e le lengwe la mafatshe a ntlha go tsibogela tokafatso e, a re e ne ya re kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola bobedi, mokento wa thibelo bolwetse jwa go swa mohama wa simolodisiwa mo maseeng a dikgwedi tse nne fela.
Mme Majama o tlhalositse fa bolwetse jwa go swa mohama e le bongwe jwa malwetse a a diphatsa thata e bile bo bolaya bana gape bo oketsa bogole mo baneng.
Mme Majama a re bolwetse jo, jo bo bakiwang ke mogare wa go swa mohama (polio virus) bo a tshelanwa fela thata bogolo jang ka mantle.
O tlhalositse fa bo ka fetela kwa mothong yo mongwe morago ga gore a tshware mantle a yo o nang le jone mme a bo a sa tlhape diatla, ka jalo o gakolotse setshaba go tlhapa diatla ka dinako tsotlhe fa ba sena go dirisa ntlwana ya boitiketso le fa ba sena go phepafatsa bana.
O tsweletse gape a tlhalosa fa bolwetse jo bo ka tsena motho fa a ka nwa metsi a se phepa bogolo jang a melapo le megobe, ka jalo o gakolotse banni go bedisa metsi pele ga a nowa.
Mme Majama o kaile fa bolwetse jo bo na le dikai tse di farologaneng di akaretsa go gotela ga ngwana, ngwana a sa kgone go itshisela kgotsa a sa kgone go ema, go omelela ga mokwatla, go itaola ga maoto, sehuba se se sa foleng le tlhogo e opetseng ruri, o gakolotse batsadi go ela tlhoko dikai tse mme fa ba ka di lemoga ba ise bana kwa go ba bongaka nako e santse e le teng gore ba bone thuso.
Mme Majama a re lephata la botsogo e ne ya re kgwedi eno e tlhola bobedi ba simolodisa mokento o o thibelang bolwetse jwa go swa mohama mo baneng ba ba dikgwedi tse nne fela.
O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go itse gore mokento o tlaa bo o sa emise lerotlhodi le le ntseng le fiwa bana, ka jalo a re ba itse fa bana ba dikgwedi tse nne ba tla tswelela ba fiwa lerothodi le mokento o thibelang bolwetse jwa go swa mohama nako e nngwe fela.
Mme Majama o ne a tlhalosetsa banni ba Sehunou fa kgwedi ya Ngwanatsele e le ya botsogo jwa bana ka jalo a ba kopa go ba isa dikokelwaneng le dikokelo gore ba fiwe mekento yotlhe e ba tshwanetseng go e tsaya.
Go supa tota fa kgwedi e, e le ya botsogo jwa bana ba setlhopha se sa botsogo se na sa bona go tshwanela gore ba atlametse banni ba Sehunou ditlamelo jaaka bana botlhe ba ne ba kalwa, ba kentelwa malwetse otlhe ka go farologana le botlhe ba ba kgwedi tse nne ba ne ba fiwa mokento wa thibelo bolwetse jwa go swa mohama.
Re santse re le foo, Mme Majama o akgotse banana ba Sehunou bogolo jang ba badiragatsi a re go a itumedisa go bona banana ba diragatsa ka botswapelo ba sa inaakanya go tlala le mebila ba dira ditiro tse di maswe tse di ka sekeng tsa ba sologela molemo.
O ba kgothaditse go tswelela fela jalo e bile a re ba oke le ba ba santseng ba goga dinao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEHUNOU
Event : Tshimolodiso ya mokento
Date : 29 Nov 2015






