Lwantshang kgokgontsho
29 Nov 2015
Mothusa-molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Collen Tubego, a re mongwe le mongwe o tshwanetse a leka ka methale yotlhe go lwantsha kgokgontsho ya bong.
A re fa mongwe le mongwe a ka ikemisetsa go tsaya boikarabelo joo, go ka kgonega gore go nyelediwe kgokgontsho, a supa fa kgokgontsho e dirwa ka ditsela tse di farologaneng mo go borre, bomme, bana, ba-na-le-bogole, bagodi le dikhutsana.
Rre Tubego o buile jalo fa a bula semmuso moletlo wa letsatsi la go lwantsha kgokgontsho ya bong kwa Makaleng bosheng.
O ne a nankola mefuta ya kgokgontsho ya bong, a re e akaretsa titeo, petelelo ga mmogo le tiriso ya mafoko le ditiro tse di fatlhang ba bangwe.
Rre Tubego o ne a lemotsha setshaba fa kgokgontsho e batho ba sa e tseyeng tsia thata e le ya tiriso ya mafoko a a botlha, a re mme ke nngwe ya kgokgontsho e e amang matshelo a batho thata.
O ne supa fa mo malobeng go ne go na le kgokgontsho e e neng e atile e basadi ba neng ba sa letlelelwe go ya dikoleng mme sebaka sa go dira jalo se fiwe borre gotwe ke bone ditlhogo tsa malwapa tsa kamoso, a tlhalosa fa seo e le selo se se sa tshwanelang go bewa sebete ke ope.
Mothusa molaodi o tsweletse a kgala thata a menne phatla go kgokgontshiwa ga ba-na-le-bogole mabapi le popego ya bone, a re batho ba tshwanetse ba itse fa batho bao ba na le ditshwanelo fela jaka motho mongwe le mongwe.
A re go tshwanetse ga lemogwa fa kgokgontsho e isa boleng le maikutlo a motho kwa tlase, mo a nnang a tlhobaetse ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmapula Zikhale
Location : MAKALENG
Event : Letsatsi la go lwantsha kgokgontsho
Date : 29 Nov 2015






