Breaking News

Kakaretso ya bana-le-bogole e saletse kwa morago

29 Nov 2015

Kakaretso le kamogelesego ya ba-na-le-bogole e santse e aperwe ke dikgwetlho. 

Se e ne e le kgang kgolo ya dibui kwa moletlong wa letsatsi la ba-na-le-bogole kwa sekoleng kwa Molepolole bosheng.

Fa a simolodisa moletlo semmuso, Kgosi Kgari Sechele 111 o tlhalositse fa mokgwa o setshaba se itsayang ka one mabapi le ba-na-le-bogole e le nngwe ya dilo tse di paledisang kamogelesego ya ba-na-le-bogole.

Kgosi o ne a fa sekai gore meletlo le dipitso ka go farologana tse di amang ba-na-le-bogole, ga di tshologelwe ke batho ka bontsi, ka jalo melaetsa le dithuto tse setshaba ka kakaretso ba kabo ba di anywa di sa goroge kwa go bone, ka jalo, o ne a rotloetsa ba ba neng ba tsene moletlo go thusa go gasa molaetsa ka go tshela, go amogelesega le kakaretso ya ba-na-le-bogole.

Setlhogo sa moletlo wa ngwaga ono, se ne se itebagantse le dikgang tsa kakaretso ya botlhe: go nonotsha botlhe mo go thuseng go fokotsa le go fedisa dikganedi tsotlhe tse di paledisang ba-na-le-bogole go tsaya karolo mo setŝhabeng ka tekatekano ya botlhe.

Moemedi go tswa kwa Beno Society for the disabled, Mme Masego Leepile ene o tlhalositse fa kgethololo e simolola kwa malapeng. 

A re tumelo kgotsa setho sa go akanyetsa gore mona-le-bogole o ka se kgone ditiro dingwe ka jalo a sa fiwe sebaka sa go leka kgotsa a ithuta go fitlhela a kgona ke dingwe tsa tse di bakang kgethololo le go tlhoka go akarediwa ga bone mo setŝhabeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Molepolole

Event : Moletlo wa letsatsi la ba-na-le-bogole

Date : 29 Nov 2015