Breaking News

Kgotlholo e tona e a tshwenya kwa Mokobeng

29 Nov 2015

Modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa Mokobeng, Mme Sennye Gabokgongwe a re bolwetse jwa kgotlholo e tona bo apesitse motse wa bone kobo ka letshoba.

Mme Gabokgongwe a re bolwetse jwa kgotlholo e tona ke bongwe jwa malwetse a a itsegeng a le borai. A re bo ka alafesega fela fa batho ba ka emela botsogo jwa bone ka dinao.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Gabokgongwe a re kgotlholo e tona e gola ka dipalo tse di kwa godimo lebaka e le gore banni ga ba kgathale ka botsogo jwa bone.

O boletse fa kgwedi le kgwedi kokelwana ya Mokobeng e kwadisa molwetse wa TB.

A re go lebega fa batho ba le maoto a tshupa go amogela dikgakololo tsa baoki ka malwetse one a tsweletse ka go ama batho ka dipalo tse di kwa godimo.

O tswelela a tlhalosa gore go tlhabisa ditlhong fa go santse go na le batho ba ba maoto a bonya go ya go itekodisa ntswa lephata la botsogo le dira ka gotlhe go isa ditlamelo tsa botsogo gaufi le batho.

A re gangwe le gape lephata leo le gasa molaetsa ka diromamowa kgang e le go ruta setshaba ka malwetse ka go farologana ga one. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mokobeng

Event : Potsolotso

Date : 29 Nov 2015