Go tlhoka mephato go busetsa morago
26 Nov 2015
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re go tlhoka mephato mo kgaolong ya Legare go busetsa dilo kwa morago.
E rile a bua le maloko a mokgatlho wa Mogagamola o o neng o ipelela go nna le dingwaga di le masome a marataro bosheng, a re mephato mo metseng e mengwe e na le seabe mo ditlhabololo.
Kgosi Segotsi a re dikgosi tse di nang le mephato di ipela ka mephato ya bone ka ba thusa go dira meletlo jaaka go ipelela ngwao.
A re ngwao ya Bangwato e tlaa nyelela ka go sena mekgwa epe e ba e dirisang go supegetsa bana ba bone, a tlatsa ka gore, motse wa Mahalapye o na le borukutlhi jo bontsi ka batho jaanong ba sa tlhole ba tlhola ba bangwe mo malwapeng.
A re se, se bakwa ke gore ga go sa tlhole go na le mokgwa wa go supa botho wa go dumedisanya le go lekola baagisanyi.
A re mekgatlho e mentsi e a bopiwa mme ga e tsee lebaka le le leele ka batho ba sa kgone go bereka sentle mmogo ba sena dikgotlhang.
O ne a rotloetsa mokgatho o go bopagana gore ba bereke mmogo lebaka le le leele mme ba itse tsela e e siameng ya go fapha dikgotlhang tse ba nnang le tsone.
O ne gape a ba kgothatsa gore ere ba tswa kwa ditirong tsa bone ba bope ditlhophana go ya ka dithuto tsa bone gore ba thuse go tla ka megopolo e e ka tlhabololang matshelo a batho.
E rile fa a a bua maikaelo a mokgatlho wa bone modulasetilo, Mme Gotaabolelamang Sebolao a re ba itebagantse thata le go tsosa ngwao.
Mme Sebolao a re ba batla gape go ikopanya le banana gore ba utlwe matshwenyego a bone, le gore ba fa maele a ba ka a dirisang go tila dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
A re ba batla gape go ba ruta le mekgwa e ba ka e dirisang go ikgapha mo malwetsing le gone go itirela matshelo jaaka ba lebagane le mathata a matona a letlhoko la ditiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : Mahalapye
Event : Bokopano
Date : 26 Nov 2015






