Pula e sentse
25 Nov 2015
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Mothibi Monyakeng, a re pula ya matlakadibe e e neleng bekeng e e fetileng e dirile tshenyo kwa Thamaga le Gabane.
Rre Monyakeng o buile jalo ka letsatsi la Tshipi fa a ile go lekola malwapa a a senyeditsweng ke dipula tseo.
A re e rile ka Labobedi, pula e e mashetla ya na kwa Thamaga mme malwapa a le lesome le borataro a amega.
O boletse gore komiti ya dibetso tsa tlholego e a leng modulasetilo wa yone mo kgaolong-potlana ya Mogoditshane/Thamaga e ne ya thusa banni ba malwapa a le marataro kwa Thamaga, a tlatsa ka gore mo go one, malwapa a mabedi a ne a thusiwa ka dijo fa malwapa a mane one a thusitswe ka ditante le dijo.
Molaodi o ne a tlhalosa gore kwa Gabane gone pula e ne le ka Labotlhano mme ya baka tshenyo mo malwapeng a ferabongwe.
O tlhalositse gore matlo a le mabedi a ne a rutlomologa mme beng ba one ba thusiwa ka ditante.
O tsweletse a tlhalosa gore kwa masimong a Mophakane gaufi le Gabane, pula e ne ya baka tshenyo mo lelwapeng lengwe mme ntlo ya mmu ya gosomana mme ya wela batho ba ba neng ba robetse mo go yone.
A re batho ba le batlhano ba ne ba gobala.
O boletse gore bana ba le bararo ba ne ba isiwa kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone.
O tlhalositse gore bagolo ba le babedi ba ba neng ba na le bana bao ka nako ya tiragalo le bone ba ne ba bona dikgobalo.
Rre Monyakeng o tsweletse a bolela gore komiti ya dibetso tsa tlholego mo kgaolong-potlana ya Mogoditshane/Thamaga e dira ka natla go thusa ba ba amegileng mo dipuleng tse mme a re ba tshwaragane le ofisi ya boipelego,makhanselara le makalana a a ikemetseng go thusa ba ba amilweng ke dipula tse.
Mongwe wa banni ba Gabane yo o amilweng ke pula eo, Mme Joleen More o boletse mo puisanong gore pula e bakile tshenyo mo lelwapeng la gagwe mme a re o thusitswe ka tante.
Mme More a re diphefo tse di mashetla di ne tsa rutlomolola ntlo ya gagwe mme a re dilwana tse di mo ntlong tsa seka tsa senyega fa e se fela go newa ke pula.
Molaodi o ne a lebogela seabe sa makalana a a farologaneng go tsibogela dibetso tsa tlholego.
O tlhalositse gore marekisetso a Save Rite kwa Gabane a thusitse ka go abela malwapa a a amegileng dijo.
Mogolwane wa marekisetso a Saverite, Rre Bacshin Makekere o tlhalositse gore ba ne ba ikopanya le molaodi morago ga go utlwalela ka seru se le boikuelo jwa bone mabapi le go thusa malwapa a a amilweng ke dipula.
Rre Makekere a re ba ne ba thusa malwapa a le lesome le botlhano ka go ba abela dijo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 25 Nov 2015






