Motse wa Karakubis o tsosolosa ngwao
25 Nov 2015
Motse wa Karakubis mo kgaolong-potlana ya Charleshill o ne o tshwere moletlo wa go tsosolosa ngwao ka mafelo a beke.
Jaaka metse e mengwe, Karakubis o ne a seka a salela kwa morago mme a araba thotloetso ya puso ya go tsosolosa ngwao.
E rile a baya morafe lefoko, moemedi kwa ofisng ya mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa, Rre Mogomane Lekgari, a re meletlo e e ntseng jaana e botlhokwa thata ka dikokomane di nna le sebaka sa go anywa sengwe.
A re, se rotloetsa gore bana ba nne le se ba ipelafatsang ka sone le metse ya bone.
O ne a tswelela a re setlhogo sa letsatsi sa: Tsosoloso Ngwao ya Karakubis le Merafe ya One, se tlile ka nako e e maleba jaaka kgaolo ya Ghanzi e tloga e amogela molelo wa kgolagano; o e leng gore ka one Batswana ba ipaakanyetsa meletlo ya ipelelo dingwaga tse di masome matlhano lefatshe la Botswana le tsere boipuso, mme e le yone sesupo sa popagano ya merafe ya Botswana.
Rre Lekgari o ne a akgolela ba ba rulagantseng moletlo, a re ba nne ba tswelele fela jalo ba gole gore ditso le ngwao tsa motse wa Karakubis di kgone go somarelwa.
Dibui ka go farlogana di ne tsa supa ka fa merafe e e farologaneng e tlileng ka teng mo motseng o, mme ba kgothatsa gore popagano e e nnileng teng malobeng e nne e tswelele fela jalo.
Merafe e e akaretsang Barolong, Batlhware, Bangologa, Bakgothu, Basarwa le Baherero e fitlhelwa mo motseng wa Karakubis mme yotlhe e le e e sa tlholegeng teng.
Letsatsi le le ne le natefisiwa ka go supa mefuta ya dijo tsa Setswana, kapari ya setso, didirisiwa tsa setso, mmino le dipina tsa setso.
Mme mo maitseboeng a Labotlhano ba ne ba natefisa ba tlhagolela letsatsi la ngwao ka go bina dikhwaere tsa setso, diletso tsa ditinkane, maboko le dipina tsa setso.
O ne o rulagantswe ke setlhopha sa Tshwene Makopo traditional group ka thotloetso ya lephata la banana, metshameko le ngwao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Karakubis
Event : Bokopano
Date : 25 Nov 2015






