Lore lo ojwa lo sale metsi
25 Nov 2015
Batsadi ba gakolotswe go ruta bana ba bone maitseo a a eletsegang le go ba kgalemela fa ba dule mo tseleng.
Go buile jalo mogolwane wa mophato wa baithuti ba ba botlana (HOD- infant) wa sekole se sebotlana sa Masokola, Mme Mmopi Gasemotho kwa moletlong wa kaloso ya baithuti ba sekole sa bananyana sa Prince and Princess Pre-School kwa Serowe bosheng.
Mme Gasemotho o tlhalositse fa ngwana a tshwara ka pela fa a santse a le monnye, ka jalo o gakolotse batsadi go ba ruta tse tsotlhe tse di botlhokwa tse ba tshwanentseng go di itse gore ba di tshware go sale gale.
O gakolotse batsadi go tlhopha mafoko fa ba bua fa pele ga bana kana fa ba bua le bone.
“Fa o ruta ngwana o ruta setshaba, ke bone baeteledipele ba kamoso”, ga gatelela Mme Gasemotho.
Mme Gasemotho o ne a gakolola batsadi le barutabana go pataganela thuto ya bana, mme a re se se ka nna motlhofo fela fa go ka nna le therisano, kamogano megopolo le tirisano mmogo magareng ga bone ka dinako tsotlhe.
O kopile batsadi go tshwara bana ba bone ka lerato, a tlhalosa fa go dira jalo go tiisa ngwana mogopolo go bo go mo nonotshe le mo tlhaloganyong.
Mme Gasemotho o ne a kopa barutabana go emisa go kgoba bana ka dipuo, a kaya fa go tlhoka lerato le go kgokgontsha bana ka dipuo e le dingwe tsa dilo tse di itsang bana go tsena sekole sentle.
O gakolotse batsadi go fa bana ba bone lerato a re ba nne le seelo sa gore mo setshwantshong sa motshikhinyego ba lebelela ditlhulaganyo tsa mofuta ofe, a tlhalosa fa bana ba malatsi ano ba tlhalefa ka pela mme ba tloge ba kope mengwe mekgwa fa ba ka tlogelwa ba lebelela dithulaganyo tse di ba fetileng kana tse di sa nnang sentle.
Mme Gasemotho o kopile batsadi go rekela bana dilo tse ba tshamekang ka tsone tse di rutang, a re di ka fefosa go ithuta ga bone ka ba tlaa bo ba ithuta sengwe mo go tsone.
Mogolwane wa sekole seo, Mme Goabamang Letlhare o gakolotse batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana.
A re o lemogile gore bangwe ba batsadi ba maoto a tshupa fa go tla ka ko diphuthegong, mme a re se se baya sekolo ka fa mosing bogolo jang fa go tla ka ko ditlhabogolong ka jaana ba bangwe ba sa tsenya letsogo go sena tshwaragano.
Mme Letlhare o tsweletse a tlhalosa fa ba itlamile go tokafatsa dielo tsa sekolo sa bone gore ba itepatepanye le seelo sa thuto se eleng mo go sone gompieno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : Serowe
Event : Bokopano
Date : 25 Nov 2015






