Banana ba itlhamela ditiro ka lenaneo
25 Nov 2015
Banana bangwe kwa Shoshong ba eme ka dinao go itlhamela mmereko ka go inaakanya le dikgwebo ka go farologana.
Rre Moses Malepe o itlhametse kgwebo go itshetsa le go tlhamela banana ba bangwe ditiro.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Malepe o boletse fa kgwebo ya gagwe e le ya bodisadikago. A re o na le dingwaga a tlhamile kgwebo ya gagwe mme o ne a sena ditsompelo tsa go phadisana le dikhamphani tse dingwe tsa bodisadikago.
O kaile fa a ne a ikopela dithuso mo lephateng la banana mme a thusiwa ka P100 000 ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga o o fetileng gore a kgone go godisa kgwebo ya gagwe.
O boletse fa a ile a hira banana ba le lesome go nna badisadikago mo go bone go na le bomme ba le bane.
O tlhalositse gore le fa dithendara tsa bodisadikago di se dintsi mo Shoshong, o nna a batlela kgwebo ya gagwe dithendara tsa go disa dikago mo mafelong ka go farologana gore kgwebo e kgone go tswelela.
Rre Malepe o thalositse fa kgwetlho e tona e le phadisano e e mashetla.
O tlhalositse gore go kabo go le botoka fa dithendara dingwe tsa go disa dikago di seegelwa fa thoko gore di dirwe ke banana ba motse go na le gore di fiwe dikhamphani tse di tona.
Le fa gontse jalo, Rre Malepe o thalositse fa kgwebo ya gagwe e mo thusitse fela thata ka gore gompieno o kgona go itshetsa ka dipoelo go tswa mo kgwebong ya gagwe, gape o kaile fa a fetotse matshelo a banana ba le lesome ka go ba tlhamela ditiro.
Rre Monei Gadise ene o dirile kgwebo ya go suga matlalo a bo a dira didirisiwa tse akaretsang rampeetshane, diphate, dihutshe, dibeke tsa bomme, dipatshe, mabante le diaparo tsa mmino wa setso.
A re o tsere tshwetso ya go tsena mo kgwebong ya go suga matlalo morago ga go lemoga gore Botswana o rekisetsa mafatshe a sele matlalo, a bo a boa e le dithoto tse di dirilweng ka matlalo
O tlhalositse fa a thusitswe ke lephata la banana ka P96 000 ka lenaneo la YDF mme a simolola kgwebo ya gagwe ngwaga o o fetileng o simolola.
Rre Gadise o tlhalosistse fa kgwebo e se ntsi thata mo Shoshong mme go itepatepanya le seemo seo, o isa dithoto tsa gagwe kwa Serowe ko a di rekisetswang ke mongwe.
A re o itshetsa ka dipoelo go tswa mo kgwebong ya gagwe.
O boletse fa kgwebo ya gagwe e dira sentle mme maikaelelo a gagwe e le go e godisa a bo a thapa banana ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 25 Nov 2015






