Puso o rotloetsa borre go ikaga
25 Nov 2015
Borre ba kopilwe go ikaga gore ba kgone go nna le malwapa a a kitlanyeng le go aga setshaba.
E rile a bua kwa ipelelong letsatsi la mafatshefatshe la borre mo Gaborone. modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso, a galaletsa basimolodi ba letsatsi le a re le botlhokwa ka gore ke nako e borre ba kopanang go lekola seabe sa bone sa mo lapeng lemo setshabeng.
Kgosi Puso a re ke nako e banna ba kopanng go bua ka dikgang tse di ba amang le go lemoga tse di ntle tse ba di dirang mo setshabeng.
O supile fa rre wa motia e le yo o tlamelang, a sireletsa, a rotloetsa, a kgothatsa, a etelela a bo a tlotla ba lelwapa la gagwe.
Kgosi Puso o supile gore setshaba se tshwanetse go akanya gore rre yo o eletsegang ke yo o ntseng jang.
O gakolotse gore rre o na le boikarabelo jwa go godisa bana ba basimane ka go ba fa thuto e e lolameng mme le mme o tshwanetse go dira fela jalo mo baneng ba basetsana.
Kgosi Puso o kaile fa borre ba na le bokoa jwa go tlhoka go bua fa ba na le mathata mo lwapeng ka tsa matshelo a bone a gakolola gore go botlhokwa go buisana gore go nne le kagisano le pholo mo lwapeng.
O rile malapa a a senang borre a tshabelelwa ke digwetlho tse di tshwanang le boimana jwa bana, go dirisa dinotagi, di petelelo le tse dingwe, a re mme ngwao e ka thusa go hema kgang tse le go thusa gore batho ba tlhaloganye gore rre le mme ba tlhwatlhwa ke ba ba ntseng jang.
Kgosi puso o kopile baruti le dikgosi go tshwaragana go thusa go aga malapa a motia le tshaba e e bopaganeng le go thibela tse di bosula tse di ka nyeletsang tshaba ya Botswana.
O galaleditse puso gore e bo e na le maikaeleo a go tsibogela ka tlhwaafalo dikgang tse di amang bong.
O bile a kopa gore bomme le bone ba rotloetse borre kwa lapeng go ikaga go nna banna ba motia le go aga Botswana yo o nang le bokamoso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thusoyaone Sechele
Location : Gaborone
Event : Ipelelo tsatsi la borre
Date : 25 Nov 2015






