Bonno bo fa seriti - Maele
25 Nov 2015
Go nna le bonno jo bo siameng ke sengwe sa dilo tse di kgonang go fa motho seriti se mabaka a gagwe a botshelo a neng a sa letle gore o ka nna le sone.
E ne yare a rola semmuso ntlo e lekalana la kwadiso ditlankana (Deeds Registry) le e agetseng Mme Wada Gaothuse yo o tshelang ka bogole kwa Tshesebe, Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, a tlhalosa fa setshaba se tshwanetse go kgaratlhela go bona gore ba ba tlhokileng lesego ba nna le fa ba ka latsang tlhogo teng.
A re go ikgatholosa letlhoko la boroko la bangwe ke selo se se sa tshwanelang, e bile se ka tlhabisa ditlhong ka jaana e le boikarabelo jwa batho mo setshabeng go tshegetsana le go thusanya ka tsela epe fela e e ka kgonagalang.
Tona o ne a ikuela mo go Mme Gaothuse go seke a letla ope go mo kgokgontshetsa mpho e a e filweng.
O ne a mo kopa gape go e tlhokomela go tlhomamisa gore e tswelela e mo tswela mosola mo lebakeng le le leele; a re go dira jalo e tlaa bo e le tsela nngwe ya go bontsha baabi ba ntlo eo fa a itumelela thuso e ba mo e neileng.
Fa a itebaganya le ba lelwapa looraGaothuse ga mmogo le morafe wa Tshesebe, Tona Maele o ne a ikuela mo go bone gore ba seka ba sotla Mme Gaothuse ka dipuo tsa gore fa e ne e se ka ntlha ya bogole jwa gagwe o ka bo a sena ntlo; a ba gwetlha go lemoga fa go mo kgobotletsa ka dipuo go ka seke go nne le maduo ape a mantle mo botshelong jwa gagwe.
Modulasetilo wa mokgatlho wa Light and Courage Centre go tswa kwa Francistown Rre Themba Mguni o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o simolotse go itse ka Mme Gaothuse, yo a leng moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Thamani kwa Tshesebe, a ne a tsile le mongwe le barutabana ba gagwe go tla go kopa kolotsana ya ba-na-le-bogole.
Rre Mguni a re morago ga go itse le go tlhaloganya botoka ka seemo sa botshelo sa ga Mme Gaothuse ba ne ba ikgolaganya le ba kwadiso ditlankana go mo kopela dithuso go tlaleletsa ya kolotsana e bone ba neng ba kgonne go mo e fa.
Fa a tlhalosa ka go agiwa ga ntlo eo, mogolwane wa ofisi ya kwadiso ditlankana Mme Tiny Keseabetswe o ne a supa gore e re le mororo ba ne ba thusa bana ba dikole ka methale e e farologanyeng e akaretsa go ba rekela paka ya sekole mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, monongwaga ba ne ba gwetlhega go dira sengwe se segolwanyane se se ka tsisang phetogo e e bonalang mo go yo o se amogetseng.
A re ke ka moo ba neng ba tlhopha go agela Mme Gaothuse ntlo, selo e le go leka go mo nolofaletsa botshelo ka a neng a ntse a nna le botlhe ba lelwapa mo ntlong ya dikamore tse tharo.
Mme Keseabetswe a re ntlo eo, e e nang le kamore ya borobalo ga mmogo le phaphosi ya botlhapelo e tlaa thusa Mme Gaothuse go tshela a phuthologile go na le jaaka a ne a ntse a tshela pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Tshesebe
Event : Kabo Dimpho
Date : 25 Nov 2015






