Paje o itumelela dithuso tsa badirelapuso
23 Nov 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Paje o akgoletse badirelapuso mowa wa popagano le tirisanyo mmogo le batho ba motse.
Rre Lenaga Toteng o buile fa maphata a puso a ne a isitse ditirelo kwa motseng oo bosheng. A re thulaganyo e, e e eteletsweng pele ke ofisi ya ga molaodi, e botlhokwa thata.
“Re lebogetse ditlamelo ka go farologana, ntswa e le la ntlha go diragala re dumela fa go tlaa tswelela.”
Modulasetilo a re tiro eo, e butse batho ba Paje matlho, e bile bontsi bo kgotsofetse. Rre Toteng a re go dira jaana go tlaa itsa batho gore ba botse mapalamente dikgang tse badirelapuso ba ka di rarabololang.
A re o lemogile gape gore fa gongwe botsadi bo nna le poifo ya go etela kwa Serowe go ya go botsa ka dingwe mme ba felela ba etsaetsega ba sa itse gore ba tshwanetse go thusiwa kae.
Rre Toteng a re keletso ya bogogi jwa motse ke gore batho ba tsibogele ditiro tsa mohuta o, a re thulaganyo e, e tletse thuto ka maphata ka go farologana a rekisa ditirelo tsa one.
“Kana ntswa batho ba itse ka mananeo a puso, go a diragatsa e santse e le kgwetlho, jaanong fa maphata a etetse mo motseng mo go nolofatsa tsotlhe tse di tshwanetseng go diragadiwa. Jaanong keletso ke go bona batho ba tsena mo go bo Re a Nyalana.”
A re o lebogetse dithuto ka go farologana jaaka ba dikgolegelo ba ne ba rotloetsa morafe go itse gore fa mongwe wa losika a tshwerwe o tshwanetse go etelwa, le gone gore a kopiwe fa motsadi kana losika lo lo gaufi lo tlhokafetse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : Paje
Event : Bokopano
Date : 23 Nov 2015






