Breaking News

Lephata le kgothatsa badiragatsi go gatela pele

23 Nov 2015

Badiragatsi ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba rotloeditswe go tsaya ditalente tsa bone ka tlhwaafalo le go di godisa gore di tsoge di ba isitse golo gongwe mo botshelong.

Mogolwane mo lephateng la banana, metshameko le ngwao kwa Mahalapye, Mme Oakantse Matjologwe o buile jaana ka letsatsi la dikgaisano tsa bodiragatsi jwa dikgaolwana tsa botlhophi tsa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami tse di neng di tshwaretswe kwa Machaneng bosheng.

Mme Matjologwe o tlhalositse fa dikgaisano e le tsa legato la bobedi tsa malatsi a ga Tautona. Ka jalo, a re badiragatsi ba tshwanetse go supa kgolo ka dinako tsotlhe mo dikgaisanong.

A re ga se dikeletso tsa lephata go bona badiragatsi ba diragatsa fela mo dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona, a re keletso ke go bona badiragatsi ba ba simolotseng mo dikgaisanyong tsa mofuta o, ba gatetse pele e bile ba emetse lefatshe leno golo gongwe mo isagong.

Mme Matjologwe a re kgolo ya ditalente e ka thusa badiragatsi go itlhamela mebereko le gone go thusa go tokafatsa itsholelo ya lefatshe tota.

O tsweletse ka gore lephata la bone ga le a itebaganya le go ribolola ditalente fela mme le rotloetsa banana go nna le boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng.

O boletse fa ba sa eletse go bona banana ba felela mo dikgolegelong ka ntlha ya ditiro tsa borukutlhi ntswa ba humile ditalente tse di ka ba fetolang tshaba e e botlhokwa e e nang le boikarabelo.

Mme Matjologwe o ne a gwetlha badiragatsi go tsosolosa serodumo sa bodiragatsi ka go supa kgatelopele.

O ne a kaya fa lephata le dira gotlhe mo le ka go kgonang mme jaanong go saletse badiragatsi go diragatsa seabe sa bone ka mashetla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Machaneng

Event : Potsolotso

Date : 23 Nov 2015