Ipelegeng e ntlafatsa Mosolotshane
23 Nov 2015
Banni ba Mosolotshane kwa kgaolong ya Legare ba amogetse lenaneo la Ipelegeng ka atla tsoo-pedi e bile ba le dirisa go tlhabolola motse le matshelo a bone.
Mafoko a a builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Olebogile Gasebonwe mo potsolotsong bosheng. Rre Gasebonwe a re fa e sale Ipelegeng e simolodisiwa mo motseng wa bone, go nnile le diphetogo tse di itumedisang mo matshelong a banni.
A re bangwe ba le dirisa go tlamela malwapa a bone ka go tsenya bana dikole le go tokafatsa diemo tsa fa ba nnang teng,.
Mo go tsa tlhabololo ya motse, Mme Theresa Ramashabane, yo e leng mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo, o boletse fa bophepa jwa motse bo tsholetsegile ntateng ya babereki ba Ipelegeng ba ba tlhapiwang go kgaola tlhaga, go sela matlakala le go fokotsa dikgwa ka go rema ditlhare.
O ne a tlatsa ka go re motse wa bone o tlhomagantse gabedi go tsaya maemo a ntlha mo dikgaisanyong tsa bophepa mme ba ikgapela kopi, setlankana le madi a a neng a dirisiwa go tsenya matshwao a tsela a a supang kwa lehuti le letona la matlakala le teng.
Mme Ramashabane a re mo nakong ya gompieno babereki ba Ipelegeng ba dirisiwa go aga matlwana a boitiketso kwa mabitleng le go katolola letamo la motse le le neng le katesegetse, a tswelela ka go re le dirisiwa go nosa loruo le go thusa baikopedi ba dihutshane tsa nyeletso lehuma le go nosetsa ditshingwana tsa merogo.
Le fa go ntse jalo, baokamedi ba ba Ipelegeng ba lela ka matshwenyego a batho ba ba latlhelang matlakala gongwe le gongwe ntswa Green Scorpion e boloditse letsholo la go ruta ka mekgwa e e siameng ya go latlha matlakala.
Matshwenyego a mangwe ke a batho ba ba tlogelang tiro mo tseleng ba sa laela, mo a supilweng fa go sa siama ka motho wa go nna jalo a sa bone dituelo tse di tletseng mo go sa mo solegeleng molemo ka gope, le go thibela bangwe ba ba kabong ba berekile diphatlha tsa mmereko.
Selelo se sengwe ke sa babereki ba ba sa batleng go laolwa mo tirong, le ba ba kgokgontshang bahiri ka mafoko ka nako ya phiro ba re go hirwa ka losika le botsala mo dikgang tsa teng di kgonang go goroga kwa go kgosi.
Mme Ramashabane o rotloetsa banni ba metse e mengwe go dirisa Ipelegeng go phepafatsa metse, a supa fa bophepa bo tla pele e bile bo tsamaelana le botsogo jo bo tlhapileng, a wetsa ka go kopa babereki go emisa mokgwa wa go tlogela tiro mo tseleng ka go sa thuse go tokafatsa matshelo a bone.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Tsietsego Molefhi wa Mosolotshane a re motse wa gagwe o aperwe ke borukuthi jo bo dirwng thata ke banana.
Kgosi a re borukutlhi bo godisiwa ke bojalwa jo bo nowang phetelela, bogolo jang khadi le a mangwe a masesanyane, mo go bakang go thuba ga matlo, dintwa le dipolaano, a supa fa go setse go nnile le dipolaano tse tharo tse di diragaletseng kwa mafelong a thekiso ya bojalwa.
‘Bogodu jwa loruo le jone bo bontsi thata, bogolo jang dihutshane,’ ga bua kgosi a tlatsa ka go re bo okediwa ke gore dihutshane ga di jesiwe omang jaaka dikgomo, mme go nne thata gore di kaiwe ka go dirisiwa matshwao a a tshwanang.
Motse wa Mosolotshane o na gape le letlhoko le lentsi la metsi, le go ya ka kgosi le okediwang ke go senyega ga dipompo tse di nosang setshaba ka bontsi jwa banni ba sena dipompo ma malwapeng.
Kgosi a re tshenyego e bakwa ke magodu a go tweng a somola malatlha mo dipompong.
A re mo nakong ya gompieno go bereka tse pedi fela, mo go bakang gore go tsamaiwe sebaka se seleele go tshwara dikhilomithara tse tlhano go gelela metsi, mo godimo ga moo go nne le mela e meleele ka banni botlhe ba kgobokanela koo mme go tsee dioura di ka nna tharo motho a ntse a fodile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : Mosolotshane
Event : Potsolotso
Date : 23 Nov 2015






