Breaking News

Tautona o gomotsa setshaba

22 Nov 2015

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian khama  o isitse molaetsa wa matshediso  kwa batsading ba bana ba sekolo se se golwane sa Matsha ba ba neng ba bolokiwa ka Matlhatso kwa mafelong a a farologaneng.

Baithuti ba basetsana ba le supa ba ne ba tlhokafala mo kotsing ya koloi  jaaka ba ne ba boela kwa magaeng a bone morago ga go fetsa dithathobo tsa lokwalo lwa botlhano.  Ba bangwe ba santse ba le mo dikokelong tse di farologaneng.

“Mo boemong jwa puso, setshaba sa Botswana ka kakaretso le go tswa mo boteng jwa pelo yame, ke lo tsisetsa matshediso mo tatlhegelong ya botshelo jwa bana ba lona,” Tautona Khama o boletse jalo mo molaetseng wa matshediso o o neng o balwa ke matona a puso kwa diphithong tsa baithuti.

A re ga gona mafoko a a lekaneng go supa kutlobotlhoko e batsadi ba  leng mo go yone fa go lebeletswe ka fa bana ba bone ba tlogetseng botshelo jono ka teng. “Ke eletsa go lo gomotsa le go lo rotloetsa mo tatlhegelong ee masisi eno ya lona. 

Ke tlhomamisa gore lo ne lo na le tsholofelo ya go re bana ba lona ba tlaa dira pharologanyo mo matshelong a lona mo go goleng ga bone.”

A re  fela jalo, puso e ntse e ba pepetletsa, e ba godisa ka tumelo ya gore e tlaa nna bangwe ba dikgantshwane tsa lefatshe leno mo go fatlhogeng ga bone.

Ke eletse go lo tlhomamisetsa fa puso le setshaba sa lefatshe leno la Botswana ba na le lona mo serung se se lo wetseng gonne ga lo a latlhegelwa lo le nosi, ka le rona re ne re santse re solofetse go le gontsi mo baneng  ba lona.” 

A re puso e na le bone ka maikutlo le dithapelo.   “Ka jalo ke eletsa gore lo gomotsege mme lo gomotsegele ruri.” Baithuti ba, ba ne ba bolokiwa kwa Sorilatholo, Mantshwabisi, Salajwe,Takatokwane le Khudumelapye. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Molaetsa wa kgomotso

Date : 22 Nov 2015