Breaking News

Baithuti ba tswa mo tseleng

22 Nov 2015

Barutabana ba dikole dingwe kwa Thamaga ba re ba tshwennngwa ke maitsholo a a supiwang ke baithuti ba lokwalo lwa bosupa le mophato wa boraro fa ba sena go kwala ditlhatlhobo.

Mo potsolotsong bosheng, morutabana kwa sekoleng se segolwane sa Sekgele, Mme Portia Molosiwa o tlhalositse fa ba tshwenyegile thata ka boitsholo jo bo supiwang ke baithuti ba lokwalo lwa boraro fa ba sena go kwala ditlhatlhobo. 

O ne a tlhalosa fa baithuti ba, ba simolola go dira maitseo a a makgasa mme go nne thata go ba kgalemela ka jaana ba abo ba setse ba dule mo diatleng tsa bone.

Mme Molosiwa o tlhalositse gore bontsi jwa baithuti fa ba feditse mophato wa boraro ke gone ba nnang le sebaka sa go dira tsotlhe tse ba di batlang mme e bile go lemosegile fa batsadi ba palelwa ke bana ka bontsi ba ne ba tla sekoleng go kopa go thusiwa bana.

A re nako eo ke e baithuti bao ba ithutang dilo tse dintsi jaaka go nwa majalwa, go goga metsoko le go tsamaya masigo, selo se a tlhalosang fa se baya bokamoso jwa bone mo diphatseng. 

Morutabana yo mongwe, Mme Bonno Mosesane o ne a tlhalosa gore meletlo e e dirwang fa baithuti ba sena go kwala ditlhatlhobo e le yone e ba rotloetsang go tswa mo tseleng.

A re go nowa ga majalwa le boimana di diragala kwa meletlong eo ka banana bao ba abo ba le mo kgatelelong ya go etsa balekane.

Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Gobuamang Memorial, Mme Rebecca Phage o ne a tlhalosa fa ba lemogile gore baithuti ba dikole tse dipotlana ba simolola go tlhoka tsebe fela fa ba tsena kwa go tse dikgolwane,.

A re maikaelelo a bone ke go buisana le batsadi go ka dumalana gore e re baithuti ba sena go fetsa lokwalo lwa bosupa ba santse ba emetse maduo, ba tle mo sekoleng ba tle go thusa ba ba kwa tlase ka tiro ya sekole.

O ne a tlhalosa gore ka tsela eo, baithuti ba ga ba kake ba felela ba dira tiro tsa botlhoka tsebe.

Mongwe wa batsadi, Rre Morris Motlhaleng o ne a tlhalosa fa e le boamaruri bana ba ba tswa diatleng mme sebe sa phiri e le gore kgodiso ga se e e lolameng. A re bothata bo tswa kwa moding ka jaana batsadi e le bone ba tshwanetseng go bona gore bana ba boela mo tseleng. 

Rre Motlhaleng a re thupa e tshwanetse go busediwa gore bana ba tle ba kgalemelesege.

Kgosana wa tetlanyo wa kgotla ya Kgosing, Rre Setlhomonyane Koboyakgomo o ne a tlhalosa fa e le boamaruri baithuti ba itaola thata fa ba santse ba emetse maduo. 

O ne a kgothatsa batsadi go isa bana kwa dikgotlaneng kgotsa kwa kgotleng e tona go buisana le bone le go ba bontsha tsela. 

Rre Koboyakgomo o  tlhalositse fa ba sidila bana maikutlo le go ba bontsha borai jwa ditiro tse ba di dirang mme e re morago ba tsee tetla go tswa mo motsading go otlhaya ngwana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 22 Nov 2015