Kemo nokeng ya batsadi e botlhokwa
22 Nov 2015
Batsadi ba baithuti ba sekole sa matlhagola tsela kwa sekoleng se sebotlana sa Gobuamang Memorial kwa Thamaga, ba akgoletswe go tsaya bokamoso jwaa bana ba bone ka tlhwaafalo.
Se se builwe ke sebui sa tlotla mo moletlong wa kaloso ya baithuti bao, Mme Boipelo Matheo yo e leng mogokgo kwa sekoleng se sebotlana sa Ramaphate.
O ne a kgothatsa batsadi go tswelela ka go ema bana ba bone nokeng a tlhalosa fa seo se le botlhokwa fela thata mo thutong ya ngwana.
O ne a supa gore, lebaka la gore bana bao ba bo ba dirile sentle ke ka kemo nokeng ya batsadi ba bone. Le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego ka mokgwa wa batsadi wa go kgatlhegela thuto ya bana ba bone fa ba santse ba le kwa tlase mme ba simolole go repisa fa bana ba ntse ba tswelela le mephato.
O ne a tlhagisa gore fa motsadi a emisa go tsaya thuto ya ngwana ka tlhwaafalo, le ngwana o simolola go repisa.
A re gore boleng jwa thuto ya lefatshe leno bo tokafale bana ba tshwanetse go feta ka sekole sa matlhagolela tsela kwa e leng gone ngwana a tlhokolediwang go simolola mophato wa bongwe teng.
A re ke gone kwa barutabana ba kgonang go lemoga makoa a ngwana ka nako le go mo thusa pele ga a ka fetisediwa kwa mophatong wa ntlha.
E rile fa a ema batsadi ka lefoko, mookamedi kwa ofising ya dithuso mo Thamaga, Mme Mmaphefo Moatlhodi a tlhalosa fa batsadi ba tshwanetse go nna tshoso e rweleng mo go emeng nokeng bana ba bone.
O ne a tlhalosa fa puso e ne ya tla ka lenaneo le la sekole sa matlhagolela tsela morago ga go bona fa boleng jwa thuto ya lefatshe leno e le jo bo ko tlase mme mathata a tswa kwa moding.
Mogokgo wa sekole seo Rre Mosupi Kgasa, o ne a akgolela barutabana ba sekole sa matlhagolela tsela bopelotelele le lerato mo tirong ya bone.
O ne a tlhalosa fa baithuti ba seemo se, e le ba ba dingalo go dira le bone ka tota ba santse ba le bannye fela thata e bile ba na le bongwana jo bontsi. O ne a ba kgothatsa go tswelela ba dira tiro e ntle le go nna le mowa wa go dira mmogo.
Sekole sa Gobuamang Memorial se alositse bana ba le masome a mabedi le borobabongwe.
Morutabana wa bana ba Mme Selebaleng Kgotlaetsile o ne a tlhalosa fa e rile kwa tshimologong ba ne ba na le bana ba le masome a moraro le bongwe mme ba ne ba lemoga fa bana ba le babedi ba sa itekanela go ka fetela kwa lekwalong la bongwe, ka jalo ba tlaa ba buseletsa gape go ba baakanyetsa mophato wa bongwe ngwaga o o tlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Thamaga
Event : Moletlo wa kaloso
Date : 22 Nov 2015






