Masisi o leboga kereke ya Roma
22 Nov 2015
Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi o lebogile kereke ya Roma kwa Ramotswa go bo e nnile le seabe mo go tlhabololeng Batswana.
Rre Masisi o ne a bua kwa moletlong o a neng a o laleditswe ke St Conrad’s Catholic Mission go ipelela dingwaga tse di masome a ferang bobedi e direla setshaba.
Rre Masisi a re go a bonala gore kereke ya Roma e agetswe mo matshegong a a tsepameng. “E ikepetse, e a itlhaloganya, mme e bile fa motho a e lebile ka kwa ntle o a bona sentle gore ga e kutume, ka jalo se se e kgontsha go aga motho ka botlalo”.
Mothusa Tautona o tlhalositse gore kereke e tshwanetse go dira seabe sa yone ka bokgabane, ka jalo motlhala wa Roma mo ngwageng tse di masome a ferang bobedi o a bonala ka tota e agile dikole go tlhabolola matshelo a batho, e agile dikokelo tse di thusang mo go tsa botsogo le gone go aga le go tlhabolola setho.
Rre Masisi o tlhalositse gore puso e lebogela seabe sa kereke ya Roma ka go ema ka dinao mo serung se se ntseng se apere setshaba ka kotsi e e gapileng matshelo a baithuti ba sekole sa Matsha, go otlolola seatla go thusa ba ba dikobo dikhutshwane, ba-na-le bogole le ba matlhoko a a farologanyeng. A re se ke sone bokao jwa setho se se nonneng.
Mo dikgannyeng tse dingwe Mothusa Tautona o tlhalositse gore puso e tlaa tswelela e berekisanya ka tshwaragano le botswapelo go thusa go fetola le go tokafatsa matshelo a Batswana, a tlhalosetsa boidiidi jo bo neng bo le foo gore ba ipaakanyetse go amogela le go diragatsa thulaganyo ya puso ya go rudisa itsholelo.
Fa a tswa la gagwe, Moruti Boniface Setlalekgosi o tlhalositse ditso tsa kereke ya Roma mo ga Malete, a supa gore kereke ya Roma e simologile gone koo ka 1935 mme ya jala dikole tsa ntlha tsa lefatshe leno tse dipotlana le tse dikgolwane tse a supileng fa di dirile go le gontsi lobaka lo lo leele.
A re kereke ya Roma e ipela ka go aga dikole tse dipotlana di fera bongwe le tse ditona di le pedi e bong St Joseph’s le Mater Spei.
O lebogetse kemo nokeng ya puso mo go gaseng thuto lefatshe ka bophara le go thusa kereke ka diketekete tsa madi ngwaga le ngwaga go thusa go tsamaisa dikole, a ipela ka go re mabutswa pele a thuto ke maungo a dikole tsa kereke.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mosadi wa Balete le ene o lebogetse seabe sa kereke a re e tsisitse popagano mo morafeng go tswa goo-Lowe.
O supile gore rraagwemogologolwane, Kgosi Seboko o kopile gore kereke e e tsisiwe mo motsing morago ga go lemoga bomolemo jwa yone, a supa gore e rile fa e simologa ya tsisetsa Balete ditlamelo di tshwana le tsa botsogo le thuto.
“Balete ba tsile fa ka 1881 mme kereke e ya Catholic fa e tsena e fitlhetse go na le ya Lutere. Ka nako eo e ne e re fa motho a sa tsene Lutere a bo a bidiwa moheitane, jaanong kereke e ya Catholic e fetile ya emisa selo se.” Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Ramotswa
Event : Moletlo
Date : 22 Nov 2015






