Nyeletso lehuma e belege banni
22 Nov 2015
Lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse ka go dira sentle .
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, mokhanselara wa Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu, a supa fa lenaneo la nyeletso lehuma kwa metseng eo le tserwe ka dipalo tse di kwa godimo go feta dikgaolo tse dingwe tse di mo kgaolong potlana ya Mahalapye.
O boletse fa batho ba le makgolo mararo le masome a roba bobedi ba tsere dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma, ba le makgolo mabedi le lesome le bosupa bone ba tsere dikoko, fa a le mongwe a dira kgwebo ya meriri.
O tlhalosa fa botlhe ba ba tsereng lenaneo ba dira sentle, go supa fa ba nyoretswe go fetola matshelo a bone.
Rre Molamu a re fa Batswana ba ka tlhwaafalela go dirisa ISPAADD, LIMID le YDF go rua dikgomo le dihutshane ga mmogo le go bula dikoporase ba ka kgona go fedisa letlhoko la ditiro.
Mokhanselara a re batho ba ka diragatsa maikaelelo a puso a gore ka 2017 lefatshe leno le bo le nyeleditse lehuma la nta e tshetlha fela fa Batswana ba tlhoafetse ba tshwaragane le puso mo ntweng e.
O kaile fa puso e tsere kgato e tona ya go tlhoafalela go fa Batswana seriti ka ditsela tsotlhe tse di bonwang le ke sefofu tota, a supa fa boeteledipele le jone bo tshwanetse go nna ngatana e le nngwe le puso go netefatsa gore maikaelelo a a atlega.
Rre Molamua a re baamogedi ba mananeo a ke bone ba ka intshang mo lehumeng fa ba ka nitama mo dithusong tse ba di neilweng go tlhabolola matshelo a bone le go tlhama ditiro.
O ne a ba kgothatsa go tsaya nako e ntsi ba bereka mo dikgwebong tsa bone a bo a ba kopa gore dikgwetlho di seka tsa ba kgoba marapo mme ba kopane gangwe le gape ba amogane maele a go ka di fema.
O ne a ba gakolola go nna ba bua ka mananeo a bone gope fela kwa ba tsamayang gone ka go dira jalo ke go ipapatsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomotse Johannes
Location : Mokobeng
Event : Potsolotso
Date : 22 Nov 2015






