Baithuti ba bolokilwe
21 Nov 2015
Baithuti ba le supa ba sekolo se segolwane sa Matsha ba e neng ya re bosheng ba latlhegelwa ke matshelo mo kotsing ya koloi ba phaketse ba fitlhilwe kwa Salajwe, Sorilatholo, Takatokwane, Khudumelapye le Mantshwabisi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng.
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o ntshitse molaetsa go balwa ke matona a puso a a neng tsene ditirelo tsa diphitlho.
Fa a bala molaetsa kwa phitlhong ya ga Irene Molebeledi kwa Sorilatholo , Tona wa dikago, boranyane le boitsaanape, Rre Nonofo Molefhi, o ne a tlhalosa fa go sena mafoko a a lekaneng go supa kutlobotlhoko e batsadi ba leng mo go yone fa go lebilwe tsela e ngwana a ba tlogetseng ka yone.
“Ke tlhomamisa gore lo ne lo na le tsholofelo ya gore Irene Molebeledi o tla a dira pharologanyo mo matshelong a lona. Mme fela jalo, le rona re le puso re ne re ntse re mo pepetletsa, re mo godisa ka tumelo ya gore e tla a nna mongwe wa dikgantshwane tsa lefatshe leno mo go fatlhogeng ga gagwe.”
Kwa Salajwe, mogolwane wa lephata la thuto, Rre Khumoyame Mosetlha o kaile fa Oaitse Morualebe a tlhokile lesego ka a tlogile mo lefatsheng e le gone a neng a santse a thuthuga.
Rre Mosetlha a re moswi e ne e le ngwana yo o boitshoko ebile ga e ise e re ka tsatsi lepe a amege mo ditirong tsa botlhokatsebe.
Barati Sekgaolo ene o fitlhilwe kwa Khudumelapye kwa moemedi wa Matsha College, Rre Otsile Mmapatsane a neng a supa fa botshelo jwa gagwe bo kgaogile ka pela, ka jalo se se phirimisa ditoro tsa ba ba neng ba solofetse tse dintsi mo go ene.
Moruti wa kereke ya ga Barati a re moswi o ne a mo leletsa letsatsi pele a kwala ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano a ikaya fa tsholofelo le mowa wa gagwe di le kwa tlase, ka jalo moruti a mo fa lefoko la kgothatso.
Phitlho ya ga Olebile Mosielele yone e ne e tshwaretswe kwa Salajwe. Malomaagwe, Rre Mmihelwe Keipatetswe a re setlogolo sa gagwe ke sone sa ntlha go lemogiwa mo baithuting ba ba tlhokafetseng ka nako ya kotsi.
A re Olebile e ne e le mosetsanyana yo o neng a didimetse. Mothusa mogokgo wa sekolo sa Matsha, Rre Given Selato fela jaaka dibui tse dingwe a re moswi e ne e le motho yo o didimetseng, a le maitseo o ka se mo utlwalele ka tsatsi lepe a amega mo ditirong tsa botlhokatsebe e bile a tsaya dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo.
Keakabetse Lydia Gakelebone yo e neng ya re e sale di tloga a tlhophiwa molebeledi wa baithuti ka ene (prefect) o beilwe kwa Salajwe.
Dibui di mo kaile fa e ne e le moeteledipele. Moemedi wa barutabana, Rre Pogiso Itomeng a re Keakabetse e ne e le moithuti yo o maitseo.
E re le ntswa a ne a sa abelwa thata, Rre Itomeng a re o ne a tsaya dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo, ka jalo se se ne se tla a mo isa golo gongwe mo botshelong .
A re ga e ise e re ka tsatsi lepe batsadi ba gagwe ba bilediwe kwa sekolong a amega mo go sepe se se bosula. Moemedi wa lelwapa, Digau Keipoletse a re le ntswa ba ne ba solofetse mo go ntsi mo go ene, ba amogetse seemo.
Moemedi wa baithuti, Constance Tshimane le tsala ya moswi Kealeboga Johane ba kaile fa Keakabetse e ne e le motho yo o lorato, a rata go thusa le go gakolola baithuti ka ene.
Tirelo ya phitho ya ga Joyce Tsogwane e ne e tshwaretswe kwa Takatokwane fa Neo Kealotswe ene a fitlhitswe kwa Mantshwabisi.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Tirelo tsa phitlho
Date : 21 Nov 2015






