Breaking News

Robalang ka kagiso

19 Nov 2015

Baithuti ba sekole se segolwane sa Matsha College ba supa, ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya koloi beke e e fetileng ba tsoga ba bolokwa kwa magabone.

Ba le bararo ba tlaa bolokwa kwa Salajwe, a le mongwe kwa Mantshwabisi, a le mongwe kwa Sorilatholo, a le mongwe kwa Khudumelapye fa yo mongwe a tlaa fitlhwa kwa Takatokwane.

E rile a bua kwa segopotsong sa bana bao kwa Salajwe maabane,Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a eleletsa ba ba robaditsweng kwa dipateleng pholo e e bofefo bofefo, a re e rile a ile go ba tlhola dingaka tsa mo netefaletsa fa ba sidilega sentle. 

O ne a itsese phuthego fa puso e thusitse ka fa e ka kgonang ka teng mo serung se se oleng a bo a tlhomamisetsa malapa a a latlhegetsweng ke bana gore ba tlaa tswelela ba fiwa kemo nokeng yotlhe e e tlhokafalang le morago ga diphitlho.

Tautona Khama o bile a iteela legofi boineelo jo bo supilweng ke badirelapuso le setshaba ka kakaretso mo go ithaopeng ga bone fa e sale kotsi e diragala ka Labotlhano wa beke e e fetileng.

O kgadile mokgwa wa tiriso botlhaswa ya kgololesego ya go ntsha maikutlo, o a reng o kgatlhanong le mekgwa le melao ya Setswana.

Tautona Khama a re le fa batho ba gololesegile go ntsha mafatlha a bone, ga go ree gore ba tshwanetse go bua fela ba sa tlhokomele gore ba bua eng jang, ka go dira jalo e le go tsuolola kgololesego eo.

“Re le Batswana re itsege ka go emana nokeng, bogolo jang mo dinakong tse di thata tse. Ke tsone dinako tse re tshwanetseng go bopagana, e seng go kgaogana, go tlhaselana, go supana ka menwana le go tlhapatsana, ka go dira jalo go le kgatlhanong le ngwao ya rona. Ke go tlhoka botho.” 

Tautona Khama a re seemo se se a tshwenya ka gore go supasupana ka menwana mo go dirwa ke mapolotiki ba ba filweng boikarabelo jwa go etelela setshaba pele.

Fa a ntsha la gagwe, tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Dr Unity Dow a re kotsi ya bana ba Matsha ke tatlhegelo e e seng ka na ka sepe, a bo a re ke tshwanelo gore setshaba se botse dipotso mabapi le kotsi.

A re puso e ikaelela go araba dipotso tseo gore maikutlo a batho a tle a kgone go wela a bo a solofetsa fa lephatala gagwe le tlaa dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng gore tiragalo e e seka ya ipoeletsa.

Dr Dow o bile a lebogela bongaka jo bana ba ba mo dikokelong ba bo filweng le tshidilo maikutlo e e filweng ba masika a re ke tsa maemo a a kwa godimo.

O ne a bo a solofetsa fa bana ba ba robaditsweng ba tlaa bewa golo go le gongwe gore ba tle ba sidilwe maikutlo.

E rile a amogela baeng, Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe o ne a kgothatsa setshaba go tlhagafalela go ritibala maikutlo e seng go supana ka menwana a bo a gakolola batho gore ba seka ba timediwa ke ba ba reng kotsi e diragetse ka ntlha ya bofafalele.

Tautona Khama o ne a patilwe ke matona a puso, mapalamente le bagolwane bangwe ba puso.

E re dikgang di eme jalo, bangwe ba batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke bana ba kopile gore puso e seka ya ntsha maduo a bone go bonwa ke setshaba ka go dira jalo go ka kgobola ntho logogo.

Bana ba ba boneng kotsi ba ne ba boela magabone a sena go fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa botlhano gone ka Labotlhano wa kotsi. 

Go sale foo, Thato Mosinyi o bega a le kwa Kang gore dibui ka go farologana tse di neng di tseneletse segopotso kwa Matsha, kwa Kang, mo go bone go le mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Fidelis Molao, ba kaile bana ba ba tlhagetsweng ke kotsi e le bana ba ba neng ba nyoretswe thuto.

Rre Molao o tlhalositse fa lefatshe leno le latlhegetswe ke batho ba ba neng ba ka tsoga e le bagogi ba e bileng go ne go beilwe mo go bone.

A re lephata la thuto le tlaa aga le gopola bana ba ba supang ba ba tlhokafetseng e le baithuti ba ba neng ba ineetse mo thutong gore ba tle ba tsholetse matshelo a ba malapa a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : SALAJWE

Event : Segopotso

Date : 19 Nov 2015