Pula ya matlakadibe e sentse
19 Nov 2015
Pula e e neng e patilwe ke diphefo le sefako ka Labobedi e tlogetse tshenyo kwa metseng ya Morwamosu le Mabutsane mo kgaolong ya Borwa.
Pula eo ya matlakadibe e rutlolotse matlo, ya diga ditlhare ya ba ya tlogela digalase tsa dikoloi di thubegile.
Molaodi wa kgaolo potlana ya Mabutsane, Rre Mosipidi Mokgolele, a re matsubutsubu a ne a rutlolola matlo a ka tshwara masome a mararo le bosupa kwa Morwamosu, fa kwa Mabutsane e rutlolotse a le masome a mabedi le bongwe; a le mabedi mo go one ele a khansele.
O boletse fa dijo le diaparo di ne tsa koloba mme dilwana tse dingwe tse di farologanyeng di ne tsa senyega.
Rre Mokgolele a re le ntswa go na le kgonagalo ya gore dipalo di be di feta foo, badirelapuso ba ne ba dira ka natla gone bosigo jwa Labobedi go thusa ba ba amegileng. A re ba ne ba kgona go thusa ka ditante tse dikgolwane di le tlhano gore ba ba wetsweng ke seru ba kgone go baya tlhogo.
Rre Mokgolele o ne a kopa Batswana go diragatsa mowa wa kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba wetsweng ke seru ka dipe fela tse ba ka di kgonang.
Kgosi Boitelo Gaogakwe wa Morwamosu o ne a akgola banni ba motse oo go bo ba nnile le tirisanyo mmogo. A re bangwe ba batho ba ba neng ba senyeditswe ke pula ba ne ba fiwa boroko ke baagisanyi, fa bangwe bone ba ne ba ithaopa go rulela matlo a a neng a tserwe ke phefo. A re mo go abiweng ga ditante, go ne ga lebelelwa pele ba ba neng ba amegile thata.
Mongwe wa ba ba amilweng ke tiragalo eo, Mme Kelebogile Radikokwana o boletse fa matsubutsubu ao a ba tsere ka tshoganetso maitseboa a Labobedi. A re ntlo ya gagwe e ne ya rutlologa, dilwana tsa koloba le motlakase wa kgaoga.
O boletse fa erile morago ga tiragalo eo, a tlamega go isa manoto a dilwana tse di neng di setse kwa masikeng, a tlhalosa fa tse dingwe di ne di senyegile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Morwamosu
Event : Potsolotso
Date : 19 Nov 2015






