Breaking News

Monna o bolailwe ke legadima

19 Nov 2015

Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe o iteilwe ke legadima a bo a tlhokafalela gone foo kwa Shoshong bosheng.

Monna yoo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya  Phaleng kwa Shoshong, go bolelwa fa a ne a na le ba bangwe ka fa tlase ga setlhare mo tshokologong fa tiragalo e e dirigala.

Mongwe wa lesika, Rre Kooremile Mosomodi le Rre Goromente Abonne, moswi o ne a na le ba bangwe ba le babedi ba tshabetse letsatsi ka fa tlase ga setlhare sa motlopi mo tshokologong ka nako ya bone.

Borre bao ba boletse fa ba ne ba phadimosiwa ke go utlwa legadima le thunya, mme ya re ba tswela kwa ntle ba fitlhela moswi a kotame ka marago e bile a tswa mosi mo sehubeng fa ba bangwe bone ba ne ba tsewa ke sedidi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Shoshong

Event : Potsolotso

Date : 19 Nov 2015