Tsalaile o a iphataphatela
19 Nov 2015
E rile ka ngwaga wa 2009 fa Mme Kgobokano Tsalaile wa dingwaga tse di masome a supa a tlogela tiro, a bona fa go tlhola a dikologa le meriti go ka se mo tswele mosola, mme a simolola go loga dibeke ka polaseteke go itlosa bodutu.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Tsalaile a tlhalosa gore go itlosa bodutu ga gagwe ka go loga dibeke tseo go ne ga felela go dira gore a bone e le sengwe se a ka itshetsang ka sone ka batho ba ne ba di kgatlhegela.
A re o ne a simolola go atolosa kgwebo ya gagwe ka go loga ditlhako tsa polaseteke mme le tsone fela jalo batho ba di rata.
Mme Tsalaile a re mo bogompienong o loga ditlhako fela ka gore di rekwa thata mme ka a dira a le mongwe fela, o bone go le botoka gore a inaakanye le go dira tsone fela ka e bile di na le theko e e botoka.
A re bareki ba gagwe ke bone ba mmolelelang gore ba batla ditlhako tsa mebala le mediro efe mme a bo e le gone a ka di logang, le fa go ntse jalo go na le tse di diretsweng ruri.
O tlhalositse fa a kile a iphutha le bomme ba bangwe gore ba dire mmogo gore kgwebo e tle e gole, mme se se ne sa seka sa atlega ka bontsi e ne e le bagodi mme ba na le dikgwetlho tsa botsogo.
Mme Tsalaile a re o ne a ikopanya le ba lephata la boipelego mo Moshupa go ba supetsa se a se dirang, mme le bone fela jalo ba ne ba kgatlhegela tiro ya gagwe mme e bile ba tle ba mmitse fa ba na le ditshupo go supa se a se dirang.
A re e re ka tiro e a sa e ela sekoleng, o ne a bona go tshwanela gore a etele Women’s Expo 2015 a rotloeditswe ke ba ofisi ya boipelego mo Moshupa, go ya go tsaya malebela mo go ba bangwe le go ithuta ka methale e a ka ikgodisang ka yone.
“Ke eletsa go ikgolaganya le ba lephata la thuto morago ga gore ke itse fa ba na le lenaneo la “Skills Development and Training Programme”, gore ke tle ke ithute fa ke tlhaelang teng.
Ke eletsa le go ithuta ka tsa go bopa ka e le nngwe ya dilo tse ke batlang go di dira go nne ke ka bopa mekgabisa ka dipampiri tse di dirisitsweng fa ke na le nako”, ga bua Mme Tsalaile.
Mme Tsalaile o tlhalositse fa disola tsa ditlhako di se motlhofo go bonwa mme se e nne kgwetlho mo tirong ya gagwe ga mmogo le go tlhoka botsogo dinako tse dingwe, kwa ntle ga moo kgwebo e tsamaya sentle.
A re e re ka dilo e le makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, o eletsa fa banana ba ka ithuta se a se dirang gore le bone ba tsoge ba itshetsa.
O tlhalositse fa a sa le a nna le kgatlhego ya go ithuta mo go rre rragwe yo a neng a dira ditlhako tsa matlalo bogologolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tefo Koontse
Location : Moshupa
Event : Potsolotso
Date : 19 Nov 2015






