Breaking News

Kgosi o kopa banni go tsibogela mananeo

19 Nov 2015

Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke banni bangwe ba a tlhalosang fa ba sa kgatlhegele mananeo a puso a a tlhametsweng go ba inola mo lehumeng. 

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa  ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Kweneng bosheng, kgosi a re bangwe ga ba supe kgatlhego ya go ikwadisetsa mananeo le gone go tsena diphuthego tsa kgotla go itse ka mananeo ao.

Kgosi Tsiane a re bontsi jwa banni ba santse ba amilwe thata ke lehuma, mme a re o swabisiwa ke go bona ba iketlile ba sa tsibogele go dirisa mananeo a ba a fiwang mahala go intsha mo lehumeng.

Le fa go ntse jalo, banni bangwe ba ne ba bolela fa ba dira maiteko a go ikopela mananeo a puso mme ba re go tsaya lebaka gore ba thusiwe.

Ba re ba sale ba ikwadiseditse lenaneo la nyeletso lehuma mme ga go nko e tswang lemina.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Annah Diatla o ne a bolela fa kgang ya tlhaelo ya metsi e tshwenya thata kwa motseng oo, selo se a supang se kgoreletsa lenaneo la masingwana a merogo  go dira sentle.

Mme Diatla o ne gape a supa gore banni bangwe kwa motseng oo ga ba akole mananeo ka ntlha ya go tlhoka dikarata tsa Omang.

A re  letlhoko la madi le paledisa banni bao go ya go dira dikarata tsa Omang kwa diofising tsa Letlhakeng, tse di leng kgakala le motse wa bone.

O ne  kopa ba ofisi ya Omang go tsaya dikgato tebang le kgang e, ka go ba atumeletsa ditlamelo, ka a re go tlhoka go dira jalo go folodisa maiteko a puso a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng ba ba leng kgakala le ditlamelo.

Erile a akgela, mothusa modulasetilo kwa khansele ya Kweneng, Mme Tshepo Wareus a re go ngomola pelo go bona Batswana ba ba santseng ba amilwe ke lehuma, ba sa kgone go ithusa ka mananeo a a ka ba thusang go itlhamela mebereko le dikgwebo.

A re mananeo a nyeletso lehuma ke a mongwe le mongwe  e bile ga a kgetholole ka jalo Batswana ga ba a tshwanela go nna fela ba sa ye go ikutlwela gore ba ka ikopela afe kwa badireding ba ba lebaneng.

Fa a itebaganya le kgang ya go tlhoka dikarata tsa Omang, a re ka jaana go sale go butswe diofisi tsa ditirelo mo  Takatokwane, maikaelelo a bone ke gore ba tsise bodiredi jwa maphata a a farologaneng go akarediwa le ba ofisi ya Omang gore banni ba motse oo le e e mabapi ba tseye ditirelo gaufi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Nov 2015