Komiti e batla lefelo la tlhokomelo ya bagodi
19 Nov 2015
Mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo kwa Dibete, Rre Keoagile Solomon, a re go botlhokwa gore motse o nne le lefelo le go tlhokomelelwang bagolo mo go lone.
Rre Solomon o tlhalositse mo potsolotsong gore seemo se bagolo bangwe ba tshelelang mo go sone se ngomola pelo e bile se tlhoka go tsibogelwa ka bofefo.
A re go na le bagolo ba le bantsi ba ba nnang fela ba sena batlhokomedi ntswa ba sa kgone go itirela sepe mme go baya botsogo jwa bone mo diphatseng.
E re ka maoto a nong e le phofa mme bagolo ba bone ba itulela fela ntle le ope yo o santseng a nonofile yo o ka ba tswang maoto, go tshwenya komiti ya ditlhabololo tsa motse go bona batsadi ba sokola.
Rre Solomon o boletse fa ba setse ba kile ba buisana le ba lephata la botsogo gore ba tshwaraganele go aga lefelo le ka lone bagolo ba go nna jalo ba tlaa kgonang go bona tlhokomelo e e botoka.
O tlhalositse fa mo nakong e e fetileng go kile ga nna le lefelo la go nna jalo le mo nakong eno le sa tlholeng le le mo tirisong mme ba ititeile sehuba go bona gore lefelo leo le boela mo tirisong.
Mo go tse dingwe, Rre Solomon a re lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle mo motseng wa bone e bile ba tsweletse ka go tlhabolola motse ba dirisa lenaneo leo.
A re ba emetse didirisiwa ba bo ba simolola go shafatsa matlo a barutabana le go aga ofisi e ntsha ya badirela puso.
A re le fa ba atle ba lebagane le kgwetlho ya babereki ba ba sa tseeng tiro e ka tlhwaafalo ba eteleditse boitseme ko pele ba bua le bone go ba lemotsha gore ditiro tse ba di dirang di tswela bone e le banni ba motse mosola.
Rre Solomon a re le babereki ka bontsi ba ithusa thata ka madi a ba a amogelang mo lenaneong la Ipelegeng ka e bile bontsi jwa banni ba Dibete ba sa dire gope ba itshetsa fela ka go itirela ka diatla tsa bone.
O buile fa bangwe ba setse ba ipeetse dikamore le go itsenyetsa dipompo tsa metsi mo malwapeng e le ka dikatso tse ba di bonang mo Ipelegeng.
O tsweletse a tlhalosa gore le komiti ya gagwe e tsweletse ka go leka go dira pharologanyo mo motseng ka go nna ba sela matlakala mo motseng le go phepafatsa diofisi tsa bodirelapuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Lephojane
Location : Dibete
Event : Potsolotso
Date : 19 Nov 2015






