Tlhagafalelang mananeo - modulasetilo
19 Nov 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Shorobe, Rre Baleseng Gwanga, o lela ka batho bangwe ba ba sa tseeng mananeo a nyeletso lehuma ka thwaafalo.
O boletse mo potsolotsong gore bontsi jwa nako batho ba ba thusiwang ka mananeo a, ba sa a tsee ka tlhwaafalo mme e bile ba felela ba tlogela a senyega.
O supile gore ka dinako tse dingwe, baikopedi ba felela ba itiresetsa dithuso tsa teng bangwe ba ja dipodi le dikoko tse ba di filweng gore ba itshetse ka tsone.
Rre Gwanga a re batho ba ba fiwang mananeo a ke ba ba a kopileng fela mme e se gore ba na le dikgatlhego mo go tse ba di kopileng jaaka motho a kgona go kopa dipodi kana dikoko mme a sena kgatlhego kana bokgoni jwa go tlhokomela leruo.
O tlhalositse fa ba bangwe ba kopa dithuso tsa masingwana a merogo mme ba sena nako ya go tlhokomela.
Rre Gwanga o supile fa se se senya madi a puso e a dirisang go reka dithoto tse e di dirisitseng go thusa baikopedi bao.
A re gape go busetsa maiteko a mmuso kwa morago a go leka go nnyeletsa lehuma mo Batswaneng.
Ka jalo Rre Gwanga o tsweletse a kopa komiti e sekasekang dikopo tsa batho go bereka le komiti ya ditlhabololo ya motse ka se se fokotsa ditshenyegelo tsa puso.
A re komiti ya ditlhabololo e itse batho ba motse botoka ka jalo ba ka thusa komiti e e sekasekang dikopo ka go ba bolelela gore ke mang yo o nang le bokgoni jwa go tlhokomela eng le yo o senang bokgoni jwa go tlhokomela eng.
A re fa dikomiti tse pedi tse di ka bereka mmogo go ka tswa maduo a a nametsang ka bakopi ba ka newa a dithuso tse ba ka di kgonang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gomolemo Kwenaemang
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 19 Nov 2015






