Mekgwatlha e oka dirukutlhi
19 Nov 2015
Mookamela mapodisi a Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno, o gakolotse setshaba go ikela tlhoko fa ba tsamaya mo mekgwatheng.
O buile se mo potsolotsong bosheng.
A re fa ngwaga o ya bokhutlong jaana, dilalome ke gone fa di ipapanang teng go tshwarela batho mo mekgwatheng ka ba itse fa ba tsamaya ba tshwere madi a mantsi go rekela ditsala le ba masika dimpho tsa matsalo a morena le ngwaga o mosha.
Superintendent Mogatsaseno o tlhalositse fa batho ba itlwaeditse go dirisa mekgwatha e e sa babalesegang go tsamaela kwa mafelong a bonno le a a nang le ditlamelo.
A re se, se rotloediwa ke gobo go le gantsi mekgwatha ya go nna jalo e le bofefo go na le ditsela tse di bulegileng.
Superintendent Mogatsaseno o tlhalositse fa mekgwatha e, e ka tswa e le mebila e e ralalang dikgwa, diphaposi tse di dikaganyeditsweng ke dikago tse ditona, ditsela tse di senang motsamao o montsi wa batho ga mmogo le ditsela tse di senang dipone.
O tsweletse a supa fa gantsi dilalome di lalela batho mo mosong le mo maitseboeng.
A re dinako tse, di ratwa ke dirukutlhi ka go a bo go le lehitshwana gape batho ba a bo ba ya ditirong kana ba tswa ditirong. Mo makgethong a le mantsi ba ba babalelwang ke go kgothosiwa mo mebileng e, ke bomme.
Melato e tshwana le wa petelelo, go amogwa dithoto ka dikgoka le ya tsietso e le yone e tlwaelesegileng go bonwa e diragala mo mebileng e e iphitlhileng go ya ka Superintendent Mogatsaseno.
O tlhalositse fa dithoto jaaka megala ya matheka, dibalamakgolo e le tsone tse dilalome di itebagantseng le go di amoga batho.
A re se se ka tswa se bakwa ke gore di na le mmaraka. Go tsibogela se, Superintendent Mogatsaseno o kopile setshaba go emisa go reka dithoto tse go belaesegang e le tsa bogodu.
O ne a tswelela a tlhalosa gore e le ba sepodisi sa Lobatse ba malala a laotswe go netefatsa gore baagi ba Lobatse ba tswelelela ba babalesegile.
Spt Mogatsaseno a re ba patorola mekgwatlha yotlhe e e ka nnang borai mo matshelong a batho bosigo le motshegare. O supile fa tiro e, ba e tshwaraganetse le baithaopi ba sepodisi.
O kopile setshaba go ikela tlhoko mo dilalomeng a bo a gakolola setshaba go tsamaya ka digongwana.
A re go tsamaya ba le digongwana, ke yone nngwe tsela ya go fema go tlhaselwa. O gakolotse gape gore fa go kgonega batho ba emise go tsamaya bosigo le gone go tsamaya le batho ba ba sa ba itseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Olorato Temogo
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 19 Nov 2015






