Breaking News

Borre ba rotloediwa go dira loaro

19 Nov 2015

Mothusa tona wa lephata la botsogo, Dr Alfred Madigele, o rotloeditse borre go dira loaro la borre lo lo babalesegileng. 

O tlhalositse fa go dira loaro go tswa goo lowe, ka jaana bangwe ba ne ba dira loaro ka mabaka a sedumedi fa bangwe e le ka mabaka a botsogo.

Fa a bua kwa letsholong la loaro le le babalesegileng kwa Kanye bosheng, Dr Madigele o tlhalositse fa go dira loaro go fokotsa diphatsa tsa go tsenwa ke mogare wa HIV.

A re borre bangwe ba tshaba go itlhatlhobela mogare wa HIV mme a gatelela botlhokwa jwa go itlhatlhoba.

A re go dira loaro lo lo babalesegileng go simolotse mono Botswana ka 2009 tshekatsheko e sena go dirwa ke mafatshe a Borwa jwa kgaolo ya Sahara

A re ditlhotlhomiso di supile fa go dira loaro e le lenaneo le leng botlhokwa le le ka fokotsang kanamo ya mogare ka 60 per cent.

Dr Madigele a re ngwaga le ngwaga batho ba tsenwa ke mogare ba le 10 000, mme a re o nale tumelo ya gore tiriso ya mananeo a tshwana le la thibelo kanamo ya mogare gotswa mo go mmangwana go ya kwa ngwaneng, go dira loaro, go dirisa sekausu le a mangwe a ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare.

Dr Madigele are ba eletsa gore e re ka ngwaga wa 2020 dipalo tsa batho baba tsenwang ke mogare di bo di fokotsegile ka 4 000 ngwaga le ngwaga.

O tlhalositse fa letsholo le le rotloeditswe ke lefatse la United States of America, mme a lebogela kemonokeng eo.

Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa lephata la botsogo mo kgaolong ya Borwa Mme Josephine Mosimanewakgosi o ikuetse gore borre bangwe ba santse ba le maoto a tshupa go dira loaro mo Kanye. 

Mme Mosimanewakgosi are loaro le sale le simolotse ka ngwaga wa 2009 mme dipalo tsa borre ga di nametse. 

Are ka ngwaga wa 2011 go dirile borre ba le 361, 2012 ba le 1717, 2013 ba le 1606, 2014 ba le 801 fa monogwaga go setse go dirile ba le 274 fela.

O buile fa monogwaga dipalo tsa bone di fokotsegile fela thata ka gore dikompone tse ba neng ba dirisanya natso jaaka ACHAP jaanong ba sa tlhole ba le mmogo.

Mme are ba nale dikgwetlho tse ba kopanang natso mo letsholong le. 

Are borre ka bontsi ga ba na kgatlhego ya go dira loaro gape ba boutsana go tsamaya ba ruta setshaba ka botlhokwa jwa go dira loaro le le babalesegileng.

Are borre bangwe bare ba tshaba botlhoko jo ba bo utlwalelang gape ba boifa go tshologa ga madi. 

O buile gape fa borre ba tshaba go itlhatlhobela mogare wa HIV mme se se dire gore ba seka ba dira loaro ka gore pele ga motho a le dira o tshwanetse go bo a itlhatlhobetse mogare pele.

Mo go tse dingwe Mme Mosimanewakgosi o buile fa dipalo di supa fa bomme ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome mane le borefabongwe ba tshabelelwa ke go tsenwa ke mogare ka dipalo tse di kwa godimo.

Are ka ngwaga wa 2014, go itlhatlhobile bomme ba le 8 262 mme mo go bone ba ba neng  ba tshwerwe ka mogare ba le 521 fa borre bone go itlhatlhobile ba le 4 860 mme ba ba tshwerweng ka mogare ba 307.

O kgothaditse borre go ititaya ka thupana go emela botsogo jwa bone ka dinao, a tlhalosa fa botsogo jo bo siameng e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe.

Erile a amogela baeng, Kgosi Kebapetse  Telekelo o tlhalositse fa go dira loaro e le lengwe la marumo a motia a a ka tlhabanang mo ntweng ya go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV.

Mme are go a tshwenya gore borre ba santse ba le boutsana go tsaya tshwetso ya go dira loaro. Rre Telekelo gape o kgothaditse bomme le bone go kaela bana ba bone le borre ba bone go dira loaro.

Gape o kopile baruti le bone go thusa puso ya lefatshe la Botswana go lwantsa bolwetsi jwa HIV/AIDS. 

Are ba rotloetse diphuthego tsa bone go dira loaro le le babalesegileng. Kgosi are go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe.

Yare a a fa bopaki Rre Thabo Raabele wa Kanye a tlhalosa fa go dira loaro go le motlhofo fa motho a itse botlhokwa jwa lone. Are go botlhokwa gore batho ba kgothadiwe ke maduo a mantle go le dira. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Kanye

Event : Bokopano

Date : 19 Nov 2015