Batswana ba gopola baithuti
19 Nov 2015
Ditirelo tsa segopotso sa baithuti ba Matsha College ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya koloi ka Labotlhano wa beke e e fetileng di tlaa tshwarwa gompieno kwa Salajwe mo kgaolong ya Kweneng Bophirima le Kang kwa kgaolong ya Kgalagadi.
Tirelo ya segopotso kwa Salajwe e tlaa tshwarelwa kwa kgotleng kgolo ya motse oo ka nako ya boferabongwe mosong ono, mme e tlaa tsenwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, bagolwane ba puso, batlotlegi ba bangwe le setshaba ka kakaretso.
Kwa Kang, tirelo ya segopotso e tlaa tshwarelwa kwa sekoleng sa Matsha kwa bana ba neng ba tsena sekole teng ka nako ya bobedi mo tshokologong.
Go sa le foo, bakwaledi ba maphata a puso ebong Rre Richard Matlhare wa thuto le tlhabololo dikitso, Mme Kebonye Moepeng wa merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Mme Shanaaz al Halabi wa lephata la botsogo le Rre Molefi Keaja wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae ba patilwe ke bodiredi jwa ofisi ya ga molaodi le khansele kwa Kweneng ba ne ba ile go lekola batsadi ba bana ba ba tlhokafetseng mo kotsing eo.
Loeto lo, lo lo neng lo akaretsa metse ya Salajwe, Mantshwabise, Sorilatholo, Khudumelapye le Takatokwane, e ne e le lwa go isa matshediso le kemonokeng ya puso kwa batsading le go thusa mo dithulaganyong tsa phitlho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Loeto
Date : 19 Nov 2015






