Ba ga Mmangwato ba rapelela pula
18 Nov 2015
E re ka jaana pula e sa tlhole e na jaaka tlwaelo, ba Gammangwato ba tsweletse ka go kopa Ramasedi gore a ba nesetse pula.
E ne ya re ka letsatsi la tshipi dikereke ka go farologana tsa phuthegela kwa kgotleng kgolo go rapelela pula.
E rile fa a amogela morafe, motshwarelela bogosi jwa Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane a tlhalosa fa e rile a bolotsa letsema a tlhalosetsa morafe gore fa pula e ka diega ba tlaa tshwanela go phuthega mme pula e rapelelwe gape.
Kgosi Kgamane o tlhalositse fa merapelo e, e tlaa tsaya malatsi a le supa ka jalo o kopile morafe go iketleetsa kwa kgotleng go ya go rapelela pula. O ne a kopa morafe go ema ka dinao ba rapelela pula a tlhalosa fa Modimo o seke o palelwa ke sepe.
O ba kopile go rapela ba nonofile mo tumelong e bile ba le seopo sengwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : Serowe
Event : Merapelo
Date : 18 Nov 2015






