Breaking News

Ramolema o a iphataphatela

18 Nov 2015

E re le ntswa ditshekatsheko di supa fa bomme ba santse ba le maoto a tshupa mo mererong ya tsa kgwebo e bile ba amiwa bobe ke dikgang tsa lehuma le kgokgontsho, bangwe ba bone ba leka ka bojotlhe go ikemela ka dinao. 

Mongwe wa bomme ba ke Mme Sephonono Ramolema yo o dingwaga tse di masome a matlhano le motso yo o tlholegang mo kgotleng ya gooMonageng-Newtown kwa Serowe. 

A re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana, o ne a bona go le molemo mo go ene go batla tsela ya go ka tlamela lelwapa la gagwe ka jaana mpha mpha a lapisa. 

O boletse gore kgwebo ya go rokela batho diaparo tse di senyegileng le tse disha e ne ya nna yone tsela e a itlhophetseng ka a ne a na le lerato le le kalo mo go yone le mororo a ne a se mankge mo go yone. 

O tsweletse a tlhalosa fa a sale a simolotse kgwebo e ka ngwaga wa 1997 mme a e bitsa K M R TAILOR. 

A re o e simolotse kwa lwapeng a dirisa motshine wa letsogo o o neng a kgona go tsaya lobaka go roka selwana ka o tlhokana le gore motho a ngakalale. 

A re mo nakong eo o ne gape a lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaela ga ditsompelo tsa go roka. 

A re e ne e re fa a bone bonyenyane jo a bo boneng ka go rekisa tse dingwe a nne a reke mo go tlhaelang a itse ka tlhomamo gore motlha mongwe o tlaa goroga kwa a batlang go fitlha teng. 

A re go tlhoka ditsompelo go ne go sa mo nyemise moko go tswelela pele mo tirong ya gagwe.

“Ke simolotse ke senang se ke nang le sone, fela ke ne ke eteleditse pele lerato le boineelo mo go se ke neng ke se batla mo botshelong,” a bua jalo.

 Mme Ramolema a tlatsa ka gore ga se gore le fa o sena madi a mantsi o ka se fitlhelele ditoro tsa gago.

O boletse fa mo dingwageng tsa bo 1997 go ya go 1999 dilwana di ne di rekwa ka tlhwatlhwa e e ko tlase a fa sekai gore sekete se ne se lopa dipula tse masome a mabedi fela. 

Ka Modimo a sa je nkabo, Mme Ramolema o tlhalositse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2 000 a ntse a wa a tsoga le kgwebo ya gagwe khansele ya Legare ya tswa thuso bangwe ba bagwebi ba kgaolo eo ba ba neng ba na le kgatlhego mo ditirong tsa diatla. 

Ka jalo a tlhalosa fa a ne a seka a ipona tsapa go ikwadisa go nna mongwe wa bagwebi bao. 

A re ba ne ba tlhophiwa ka go farologana ga ditiro tsa diatla tse ba eletsang go gola mo go tsone mme ba isiwa ithutuntshong kwa sekoleng sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Lekgaba kwa Francistown. 

Gone kwa Lekgaba o ne a kopana le batho ba ba farologaneng ba lefatshe leno, mme a supa fa se, se ne sa ba thusa go abelana megopolo e e farologaneng ya dikitso. 

A re go bona lesego leo go ne ga mo tiisa moko le go feta mo kgwebong ya gagwe ka e ne ya re go wetseng ithutuntsho eo a itoma wa tlase molomo go ntsha ga tshwene segolo jang ka ba ne ba abelwa dithoto tse ba di tlhokang e bile e le tsa boleng jo bo fa godimo tsa motlakase go ba tlhofofaletsa tiro. 

Mme Ramolema a re gape o ne a segofala ka go bona phatlha kwa mmarakeng ko mapagamelong a dikoloi tsa setshaba.

 “Go bona sebaka sa phatlha kwa mmarakeng go nthusitse fela thata go atumela bareki ba diaparo tse ke di rokileng go na le fa ke ne ke direla kwa lwapeng kwa ke neng ke ba bona ka sewelo ” a bua jalo.

 O tladitse ka go tlhalosa fa mo mapagamelong a dibase tsa setshaba go le motsamao o montsi wa batho ka go farologana mme e re ba ntse ba feta gaufi le madirelo a gagwe a ba kgatlhise leitlho ka se a se rokileng. 

A re o leka ka bojotlhe go itepatepanya le kapari ya paka nngwe le nngwe ya ngwaga ka a ne a itemogela fa kapari le yone e fetoga le dipaka tsa ngwaga. 

Ka jalo a re o le moroki o tlamega go roka diaparo tsa paka eo o lebeletse gore ke efe kapari e e rategang ka se se ka go thusa go itsa go roka diaparo tse di ka se go tlisetseng letseno mo kgwebong.

 A re thata thata o ne a itemogela fa leteisi e le lone le neng le ratwa ke batho mme a inaakanya le go le roka a tlhalosa fa le ne la mo thusa go itshetlela mo kgwebong ya gagwe. 

A re mo nakong eno o kgonne go tsenya bana na gagwe ba bane dikole ka kgwebo e ya go roka a re ba setse ba alogile mo dithutong tsa bone.

 O boletse fa e ne e re fa dikole di tswetse ba nne mabogodika le bana kwa tirong ba itse fa e le yone kgwebo e ba ogolang mo isong. 

Ka kgwebo nngwe le nngwe e seke e tlhoka dikgwetlho mme Ramolema o tlhalositse fa mo dikgweding tsa ngwaga o simologa go fitlha tsa mariga mmila o pitlagana go bona bareki.

 A re dikgwedi tsa paka ya selemo go ya ngwaga o fela ke nako ya manyalo a re ke yone nako e ba rokelang thata batho diaparo tsa manyalo mme ba bone dipoelo tse di kgatlhisang. 

Fela Mme Ramolema o kgothaditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna sekgoreletsi mo dikgwebong tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 18 Nov 2015