Batlokwa Development Trust e ya ditlhophong
18 Nov 2015
Mokgatlho wa Batlokwa Development Trust o itlamile go somarela tse di mo tikolong ya motse le go bona gore di a somarelwa.
Mothusa modulasetilo wa Batlokwa Development Trust, Rre Phillip Matsetse o boletse mo potsolotsong gore maikaelelo a bone a akaretsa go dira ditiro tsa ditlhabololo tse di ka dirwang botoka ke morafe.
Rre Matsetse o boletse fa ka Matlhatso kgwedi e tlhola masome a mabedi le motso go tlaa tshwarwa ditlhopho kwa kgotleng kgolo ya Batlokwa tse mo go tsone go tlaa tlhophiwang maloko a komiti ya mokgatlho oo.
O tlhalositse fa ditlhopho tseo di tshwarwa ka jaana nako ya maloko a magologolo e tsile bokhutlong mme lebaka le maloko a le tsayang mo komiting e le dingwaga tse tharo.
O boletse fa ba ba emelang go nna maloko ba tshwanetse e be e le Batlokwa ka jalo seo se raya le baagedi ba ba ntseng mo Tlokweng dingwaga di se ko tlase ga botlhano e bile ba ikamantse le merero ya motse.
O ne a tlatsa ka gore ba tshwanetse gape ba bo ba se kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le bobedi ebile ele batho ba ba nang le boikarabelo le seriti mme ba sena mekgwa ya borukutlhi.
O tlhalositse fa mokgatlho oo e le lekala la morafe le le filweng maikarabelo a go sireletsa tsotlhe tse di mo motseng, go di tlhabolola le go di tsweledisa, a tlatsa ka gore konokono ya mokgatlho o ke go rotloetsa ngwao le go e tsosolosa mme ke ka moo monongwaga ba ileng ba tshwara letsatsi la Batlokwa la ngwao le le tlaa nnang ngwaga le ngwaga.
Rre Matsetse a re kwa Tlokweng jaaka mo metseng e mengwe go na le matamo, didiba, masotla, mafelo a ngwao le tse dingwe mme tseo tsotlhe ke lehumo la morafe le le ka fa tshireletsong ya ga kgosikgolo mme mokgatlho oo o thusa gore di babalelwe.
A re pabalesego ya tseo tsotlhe ke boswa ka di tlaa ruta kokomane e e tswang kwa tlase ngwao.
O boletse fa go sale go nna le mokgatlho ka ngwaga wa 1982 o o neng o bidiwa Tlokweng Rural Development Trust (TRDC) mme erile Puso e tsaya ditiro tsa tsamaiso ya Thuto tse di ne di dirwa ke TRDC ga tlamega gore ka ngwaga wa 2012 go kwadisiwe mokgatlho o mosha mme wa bidiwa Batlokwa Development Trust mme ka one ngwaga oo go ne ga tlhopiwa maloko a ntlha a mokgatlho.
Rre Matsetse o rotloeditse Batlokwa go tla ka dipalo tse dikgolo le ka nako go tla go tlhopha maloko a mokgatlho wa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : Tlokweng
Event : Potsolotso
Date : 18 Nov 2015






