Go betla go tshegeditse Sethemo
18 Nov 2015
Rre Zuze Sethemo o itomile molomo wa tlase go itepatepanya le go betla e le tsela ya go itshetsa ntle le botsofe jwa gagwe.
Rre Sethemo yo o dingwaga tse masome a supa le botlhano wa kgotlana ya Phachanga kwa Shakawe o tlhalositse mo potsolotsong fa a na le dingwaga tse di ka tshwarang botlhano a ntse a inaakantse le go betla.
O supile fa a betla dikika, dilepe, megori, maswana, metshe le tse dingwe fela jalo, a tlatsa fa dinngwe tsa dilo tse a di betlang e le tse di kgabisang fa tse dinngwe e le tse di dirisiwang mo lwapeng.
A re o dirisa legong le le nonofileng jaaka la mogonono, ka dilwana tse di dirilweng ka lone di tsaya dingwaga tse di ntse di sa onale.
O ne a supa fa a sa ipone tsapa go ralala sekgwa go batla legong le le faphegileng leo, a tlatsa ka gore o dirisa dilepe gape, dithipa le tse dingwe fela jalo go betla dilwana tseo.
Rre Sethemo o ne a tswelela a tlhalosa fa a betlela mo lwapeng mme a rekisetsa dilwana tsa gagwe gongwe le gongwe jaaka fa pele ga dikole, mabentlele, poso jalo jalo, mme a supa fa thotloetso e a e fiwang e mo fa maatla a gore a tswelele ka go betla.
O ne gape a supa fa a betla le mororo a sena dithuto tsa go betla, a tlatsa ka gore botsipa joo o bo anywile mo bankaneng ba gagwe ba ba itshetsang ka logong.
A re o ne a gwetlhiwa ke botshelo jo bothata mme a tlamega go ithuta le go inaakanya le go betla go inamola mo lehumeng.
O tlhalositse gore le fa a sa reke dilo tse ditona mo kgwebong eo mme o kgona go fepa ba lelwapa la gagwe.
Le fa go ntse jalo o supile matshwenyego tebang batho ba ba ratang go ipeela ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ga tsa gagwe, ba ba kolotang ba sa duele le bao ba ba duelang morago ga lebaka le le leele, a re seo se busetsa mogwebi kwa morago.
“Batho ba itebatsa gore tiro nngwe le nngwe e thata go dirwa, ka jalo ba tshwanetse ba re tlhompha ba re rotloetse go na le go re busetsa kwa morago,” a tlhalosa jalo a menne phatla.
Rre Sethemo o supile fa go nna fela o sa itirele sepe sa itshetso go dira gore motho a ketefalelwe ke botshelo fa gongwe a felele a senyetsa batho.
O ne a gwetlha banana fa botshelo bo le thata e bile bo le motlhofo fa motho a ikemetse ka dinao, a supa fa bopelotelele e le mangmang gore o atlege mo tirong ya gago.
A re dilo tse dingwe o kgona go di ithuta mo bathong ba o tshelang le bone mme di go busetse kana o nne motho mongwe mo botshelong ntateng ya tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kesentseng Baagedi
Location : Shakawe
Event : Potsolotso
Date : 18 Nov 2015






