Matsubutsubu a rutlomolotse matlo
18 Nov 2015
Pula e e neng ya gosomana ka Mosupulogo, morago ga dijo tsa motshegare e tlogetse malwapa mangwe kwa Mapoka a itshopere.
Go ya ka monni mongwe wa motse oo, yo le ene a wetsweng ke seru seo, Mme Siphiwe Thela pula eo e ne ya gosomana mo ba neng ba sa solofela.
Matlapa a ba neng ba a beile fa godimo ga ntlo go tshegetsa disanke a wetse mo ntlong, phefo e tsere disanke e di latlhetse kgakala, metsi le one a tlhakatlhakantse sengwe le sengwe mo ntlong.
A re pula eo e simolotse ka nako ya bobedi go ya kwa go ya boraro motshegare mme e bile e ne ya rutlolola ntlo ya gagwe e e dikamore di tharo, mme ga senyega thata tse pedi.
O tlhalositse fa a ne a na le bana ba gagwe ba bannye ba le babedi fa ba bangwe ba ne ba ile kwa sekolong, a tlatsa ka gore ba ne ba leka go siela mo ntlong e nngwe e le yone e neng e tletse metsi.
A re le boroko ga baa bo bona bosigo ka dikobo di ne di kolobile tsotlhe ga mmogo le malao.
Mme Thelaa re o ne a tshwanelwa ke go ya go kolota dijo kwa semausung se se mabapi gore segolo bana ba seka ba lala le tlala.
Mme Phahla Zibani ene o supile fa pula eo e sentse dikgetsi tsa semente di le supa.
E ne ya rutolola ntlo ya ngwana wa gagwe e e dikamore tse pedi mme ga senyega thata kamore e le nngwe.
A re ntlo eo e ne e le ntsha go agiwa mme e bile ba ne ba e dirisa go beela didirisiwa tse di neng di setse fa go agiwa.
O tsweletse ka gore pula eo e ba buseditse kwa morago ka jaanong ba sa itse gore ba ya go tsaya kae madi a go reka disamente tse dingwe.
Mongwe ba balemi kwa Kgari, Rre Deboyson Mathe le ene o ne a lela sa khuranyo ya meno ka sefako se sentse dijwalo tsa gagwe tse le tsone a neng a solofetse gore di tlaa mo direla madi a keresemose.
A re sefako seo se amile ditema tsa tamati, magapu, sweet pepper le lephutshe.
A re o ne a ikaeletse gore mo bogautshwaneng a bo a rekisa.
A tlatsa ka gore le ntswa ba ne ba eletsa pula gore e kolobetse lefatshe gore dijwalo tsa bone di gole, e ba tlogeletse mahutsana e bile e ba buseditse kwa morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Mapoka
Event : Potsolotso
Date : 18 Nov 2015






