Makhanselara a lela ka letlhoko la metsi
18 Nov 2015
Tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ga e jese makhanselara diwelang.
E rile a bua kwa phuthegong ya khansele, mokhanselara wa Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani a tlhalosa fa mo kgaolong ya gagwe ba kgona go nna kgwedi yotlhe ba sa bone metsi fa gare ga beke.
O ne a supa fa se e le kgwetlho ka a re fa gare ga beke ke nako e batho ba a bo ba tlhoka go dirisa metsi thata ka ba ya ditirong le dikole.
A re seemo se, se felela se ba patika go ga metsi mo nokeng mme a se phepa gape a sa siamela botsogo jwa batho ka a ka ba tsenya malwetse.
Rre Tobokwani a re go botoka go bolelelwa setshaba go santse go na le nako gore se itse gore metsi a tlaa bo a seyo leng.
Mokhanselara wa Masunga Rre Ellias Mbonini, le ene o tlhalositse fa seemo se sa letlhoko la metsi se sa mo jese diwelang ka motho a ka seke a tshele go sena metsi e seng e bile go le mogote jaana.
O ne a tlhalosa fa go ne ga nna le tlhaelo ya metsi lebaka la malatsi a le matlhano mme ba Water Utilities Corporation, ga ba ise ba tsise pego le ntswa go na le matshwenyego.
Mo go tse dingwe, Rre Mbonini o ne a ntsha selelo sengwe sa gore batho ba a lela ba re ba sale ba ikopetse dithuso tsa lenaneo la LIMID le le thusang batho ka dipodi ka ngwaga wa 2012 mme le mo nakong eno ga ba ise ba fiwe phetolo.
O tsweletse ka gore batho ba Vukwi le Letsholatshebe ke bangwe ba ba saleng ba ikopetse mme jaanong ba felela ba itlhoboga ka go a bo go na le lebaka le le leele ba ntse ba ikopetse.
Rre Mbonini o tsweletse a tlhalosa fa se jaanong se dia batho go diragatsa dikeletso tsa bone ka gore fa ba ne ba filwe, ba ne ba ka kgona go tla gore e re fa diruiwa tse di sena go tsala ba di rekise ba bone gore ba ka itshetsa jang.
O ne a bolela fa nako nngwe a ne a felela a bitsa molemisi ba ya go tsena diphuthego gore a tle a ba tlhalosetse gore bothata ke eng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nkwebi Monyadzwe
Location : Masunga
Event : Phuthego
Date : 18 Nov 2015






