Breaking News

Mapodisi a falotsa monni wa Kanye

17 Nov 2015

Batswana bangwe ba santse ba tsiediwa ke batho ba ba reng ba ka okeletsa batho madi morago ga go ba rapelela mo sephiring.

Banna ba le bararo ba dingwaga tse di fa gare ba tshwerwe bosheng ba santse ba re ba tsietsa mme mongwe kwa Kanye. Mapodisi a ne a namola mme morago ga go longwa tsebe.

Go ya ka mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale, mme yoo o ne a setse a dumalane le borre bao e bile tsela e bodule go iwa go okediwa madi kwa sekgweng mme mosamarea yo o molemo a lemoga seo a begela mapodisi ka a ne a itse banna ba teng ka mokgwa oo.

O boletse fa banna bao e le Batswana, bangwe ba bone go bolelwa ba nna kwa Lobatse. 

Banna bao go belaelwa e le bone ba ntseng ba tsietsa batho kwa Kanye.

Mo dikgannyeng tse dingwe, mookamela mapodisi o tlhalositse fa baithuti ba sekole se segolwane sa Seepapitso ba le masome a matlhano le bosupa ba ba neng ba fetsa lekwalo la mophato wa botlhano, ba ba neng ba tsosa merusu morago ga ditlhatlhobo ba ne ba gololwa mme ga sala ba le boferabobedi fela ba ba tlaa isiwang kwa lekgotleng la Setswana.

Kwa Moshupa, ramapodisi Onneetse Gagosha o boletse fa ba ne ba epa mosele wa pula, ka ba itse fa baithuti ba rata go dira dikgoberego fa ba fetsa go kwala, mme ba rulaganya le barutabana gore e re fela fa ba fetsa ba ba kobele kwa malwapeng, go itsa diphathi dipe tse di ka tshwarwang, mme sengwe le sengwe sa tsamaya ka thelelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 17 Nov 2015