Breaking News

Morui o tlhaba ba bangwe podi matseba

18 Nov 2015

Letlhoko la dipula le mogote o o feteletseng di pateletsa barui go dira bojotlhe gore leruo la bone le seka la nyelela.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng,  Rre Onkamogetse Poitshego yo e leng morui kwa Bobonong a re le ntswa letlhoko la dipula le ile magoletsa monongwaga barui ba tshwanetse go sekaseka methale e ba ka e dirisang go sireletsa leruo la bone kgatlhanong le leuba le le simololang go gakala.

Rre Poitshego o supile fa lefatshe le simolotse go omelela le go setlhafala ka jalo a gwetlha barui go rekela leruo la bone dijo gore le seka la nyelediwa ke leuba.

O kaile fa letlhaka la temo ya ngwaga o o fetileng le kgona go silwa le ba le tswakanngwa le letswai go direla leruo dijo.

Rre Poitshego o gwetlhile batho ba ba nang le masimo le didiba go lema bojang ja Lablab ka leruo le e rata. O tsweletse a tlhalosa fa dihutshane tsone di kgona go itsetsepela ka nako ya leuba ka di ja matlhare. 

A re leruo fa le sa bone dijo le metsi ga le nne le boitekanelo sentle.

Rre Poitshego a re fa mogote o o feteletseng le one o kgona go bolaya leruo.

A re fa mogote o le montsi leruo ga le kgone go tsamaya kana go fula sentle ka jalo le  felele le bolailwe ke tlala.

Rre Poitshego o tsweletse ka go supa fa temo ya monongwaga e ka nna ya wela kwa tlase ka lebaka la letlhoko la dipula le le bakileng komelelo.

O supile fa bontsi jwa balemi ba ditonki ba ka nna ba seke ba leme ka go bo go sena se ditonki di ka se jang e bile gape di bopame. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 18 Nov 2015