Breaking News

Badiri ba thuto ba abela moithuti

18 Nov 2015

Mogwebi mongwe kwa Bobonong a re setshaba se tshwanetse go emana nokeng ka kgathala ka ba ba tlhokileng lesego.

Rre Gontsi Kebadiretse wa Kebs Hardware o buile jalo kwa tirong ya go abela moithuti mongwe wa sekole se segolwane sa Bobirwa kwa Bobonong paka ya sekole le melora e e tlhatswang e a neng a e abelwa ke badiri ba lephata la thuto mo Bobonong.

A re go lemosega fa mowa wa go emana nokeng o ne o setse o nyelela mme Batswana ba ikgakologetswe go abela ba ba tlhokang.

Rre Kebadiretse a re go aba go na le maduo a mantle fa yo o abelwang a amogela ka pelo yotlhe mme a kopa moithuti yo go tlhokomela mpho eo.

O kaile fa go tlhokega gore bana ba abelwe gore ba itse mosola le bomolemo jwa go abela ba bangwe fa ba setse ba godile.

O gwethile batsadi go fa bana ba bone lerato gore ba kgone go dira sentle mo dithutong le go ipona ba na le seriti kwa sekoleng ba sa farologane le baithuti ba bangwe.

A re mo dipakeng tsa gompieno, bana ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go dirisa ditagi, bojalwa gammogo le boimana a re se ke sebaka sa gore batsadi ba emele diemo tsa go tshwana le tse ka dinao.

Rre Kebadiretse o galaleditse komiti ya botsogo ya lephata la thuto go bo ba bone go le botlhokwa go abela moithuti yoo a re se se tlaa mo rotloetsa go tsaya dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo.

Rre Kebadiretse o ne a abela komiti eo ya botsogo P1500 go mo dirisa mo ditirong tsa yone tsa bobelotlhomogi.

Fa a amogela dithuso tseo, mmaagwe moithuti yo, Mme Mokgadi Ramarumo o supile fa a amogela mpho eo ka diatla tsoopedi a re e tlaa thusa ngwana wa gagwe thata.

Moeteledipele wa thuto, Mme Marang Nfila ene o supile fa komiti ya botsogo e sa leba botsogo jwa badiri ba lephata leo fela mme  e lebile botsogo jwa setshaba ka kakaretso.

A re ba bone go tshwanela go abela baithuti ka gore bana ba tshwanetse go fiwa lerato gore ba kgone go dira sentle mo dithutong tsa bone.

Mme Nfila a re ba setse ba abetse mongwe wa baithuti kwa sekoleng se sebotlana sa Bobonong mme maikaelelo ke go jwala peo e.

 

O kopile setshaba ka kakaretso go tsenya letsogo go inaakanya le go thusa dikole ka methale e e farologaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Bobonong

Event : Kabo Dimpho

Date : 18 Nov 2015