Breaking News

Ba Sefapano se sehibidu ba tshegetsa tebelopele

16 Nov 2015

E re ka makalana ka go farologana mo lefatsheng leno a inaakantse le go tshegetsa tebelopele ya setshaba ya 2016, ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu mo kgaolong-potlana ya Moshupa le bone ba ititeile ka thupana go sega ya bone tema.

Mme Kelebogile Mokaleng yo e leng moithaopi mo lekgotlaneng le o boletse mo potsolotsong bosheng fa lekalana la sefapaano se sehibidu la Moshupa le boloditse letsholo la go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le go ruta ka thuso ya potlako.

A re ba dira se ka go tsena ntlo le ntlwana, dikole le kgolegelo ya basimane ya Moshupa. Mme Mokaleng o tlhalositse gape fa ba bereka le ba botsogo go rotloetsa balwetse segolojang ba kgotlholo e tona go nwa dipilisi le go sala dikgakololo tsotlhe tsa ba botsogo morago.  

Mme Mokaleng a re go thusa bana ba dikhutsana le go ba fa lerato ke nngwe ya  maikarabelo a mokgatlho wa gagwe. Le fa gontse jalo o boletse fa ba kopana le dikgwetlho ka go farologana jaaka letlhoko la madi a go rekela bana diaparo ka jaana ba beile fela mo go kopeng mo dikomponeng.

O tlhalositse fa dikgwetlho tse dingwe e le go tlhoka ditlamelo jaaka dikoloi go ba fitlhisa kwa mafelong a a kgakala  go tsweledisa tiro ya mokgatlho. Go tlhoka lefelo la itloso bodutu fa bana ba ka tshamekelamg teng le go itshidila ke nngwe ya dilo tse di tshwenyang mokgatlho o. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thabang Tlhomamisang

Location : Moshupa

Event : Potsolotso

Date : 16 Nov 2015