Maduo a a bonala
17 Nov 2015
Mme Koketso Baitse wa dingwaga tse di masome a mane le boraro wa kgotla ya Mmamokhasi mo Kanye a re o setse a bona maduo a a nametsang a kgwebo ya gagwe ya kapei e a e filweng ka lenanaeo la nyeletso lehuma ke ba ofisi ya boipelego.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, mme Baitse a re o filwe lenaneo le ka kgwedi ya Phalane e ya fifing monongwaga, a sena lobaka lope a ikwadisitse go ikopela lenaneo le.
“Ke neetswe madi a a kana ka P14 000 gore ke reke dididrisiwa tsotlhe tse di tlhokafalang mo kapeing ya borotho,” a tlhalosa jalo.
O boletse gore o kgonne go reka setofo sa gase le ditafole, gareng ga tse digwe.
O tlhalositse gore ga a thusiwa ka madi fela mme gape o ne a isiwa sekoleng sa kapei a itebagantse le go apaya borotho ka ditselana tse di farologaneng mo lobakeng lwa dibeke tse pedi.
“Ke dule ke itse go apaya dilo di le mmalwa tse di apewang go dirisiwa borotho jaaka go apaya lofo, magwinya le dibesikitsi,” a tlhalosa jalo.
Mme Baitse o boletse gore mo mefuteng yotlhe ya go apaa borotho e ne o ne a feta a itebaganya le go apaa dibisikitse ka gore o itemogetse fa borotho bo le bontsi mo mmarakeng jaaka dilofo gona le dibisikitsi.
O tlhalositse gape gore dibisikitsi tsone o di rekisa motlhofo ka o kgona go rekisetsa bana ba sekole ka bongwe ka bongwe, gape o tsamaya a di rekisa mo malwapeng le mo diofising.
A re go motlhofo go di rekisa go na le borotho jo bongwe ka gore le batho fela mo tseleng ba kgona go reka ba di ja ba ntse ba tsamaya.
O boletse fa mo kgwebong e ya gagwe a bona dipoelo tse di kgotsofatsang letsatsi le letsatsi, ebile a kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe, ebile maikaelelo a gagwe e le go boloka bontlha bongwe jwa madi a a a bonang gore a tle a kgone go gokela motlakase mo ntlong ya gagwe.
O tsweletse a tlhalosa gore o batla gore mo dingwageng tse pedi a bo a setse a ikagetse ntlo ya boapeelo, ka e le nngwe ya tse di tlhokegang gore e nne moapei wa popota a kgone go thapiwa ke ba khansele go apeela dikole.
A re o rotloetsa Motswana mongwe le mongwe gore ba ikemele ka dinao ba ikopanye le ba boipelego ba akole mananeo a puso e thusang setshaba ka o ne, ba lese go nna ka diatla mme ba na le bokgoni. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gorata Modisenyane
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2015






